Thulaganyo ya Beke ya October 19
BEKE E E SIMOLOLANG KA OCTOBER 19
Pina 54 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
ia ts. 2-3 le matseno ¶1-15 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 1 Ditiragalo 8-11 (8 mets.)
No. 1: 1 Ditiragalo 11:15-25 (3 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Elija (No. 1)—Setlhogo: O se Ka wa Nyatsa Maatla a Thapelo—it-1-E ts. 710-713, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)
No. 3: Moengele yo Mogolo ke Mang?—Lenaane la Mafoko a Baebele, nwt-E ts. 1693, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
Setlhogo sa Kgwedi: ‘Namang medi’ mme lo ‘tsepamisiwe mo tumelong.’—Bakol. 2:6, 7.
20 mets: “Kafa re ka Amang Dipelo Tsa Baithuti ba Rona ka Gone.” Dipotso le dikarabo. Rulaganya gore go dirwe dipontsho tse pedi tse di sa tshwaneng. Mong wa ntlo a re ngwana wa gagwe yo o tlhokafetseng o kwa legodimong. Mo pontshong ya ntlha, mmoledi o mo araba ka go mmalela Moreri 9:5 e e buang ka seemo sa batho ba ba suleng. Mong wa ntlo o kgobiwa marapo ke se a se utlwang mme ga a bontshe go kgatlhegela molaetsa wa Baebele. Mo pontshong ya bobedi, mmoledi o nna botlhale mme o bontsha mong wa ntlo tsholofelo ya tsogo e e mo go Johane 5:28, 29 go tswa foo o itumetse e bile o batla go itse mo go oketsegileng.
10 mets: Tlhomela ba Bangwe Sekao se se Molemo. (Bafil. 3:17; 1 Tim. 4:12) Motlotlo o o theilweng mo kgatisong ya Buka ya Ngwaga ya 2015, tsebe 71, serapa 2, go ya go tsebe 72, serapa 4; le tsebe 76-77. Kopa bareetsi gore ba tlhalose se ba se ithutileng.
Pina 90 le Thapelo