Thulaganyo ya Beke ya August 31
BEKE E E SIMOLOLANG KA AUGUST 31
Pina 42 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 29 ¶16-21, lebokoso le le mo ts. 299 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 2 Dikgosi 9-11 (8 mets.)
Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo (20 mets.)
Pokano ya Tirelo:
Setlhogo sa Kgwedi: “Nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” —Josh. 24:15.
10 mets: Tsamaisa Dimakasine ka September. Motlotlo. Simolola ka pontsho e mo go yone go dirisiwang dipuisano tse re ka di dirisang. Go tswa foo, sekaseka dipontsho tseno.
10 mets: A o Amogela ‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’? Puo e e theilweng mo setlhogong se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 2014, tsebe 3-5. Kgothaletsa botlhe gore ba je dijo tsa semoya tse ba di newang.
10 mets: O Ikaeletse go Fitlhelela Eng mo Ngwageng wa Tirelo wa 2016? Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe, tsebe 118, serapa 3. Rulaganya pontsho ya banyalani ba tlotla ka dilo tse ba ikaeletseng go di fitlhelela ka ngwaga o mosha wa tirelo.
Pina 10 le Thapelo