Thulaganyo ya Beke ya May 25
BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 25
Pina 56 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 25 ¶1-8 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 13-15 (8 mets.)
No. 1: 2 Samuele 13:34–14:7 (3 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Baebele ya Reng ka Tiro?—igw ts. 20 ¶1-3 (5 mets.)
No. 3: Besalele (No. 1)—Setlhogo: Moya wa ga Jehofa o Thusa Batlhanka ba Gagwe go Dira Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo—it-1-E ts. 307, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
Setlhogo sa Kgwedi: Thusa batho ba mefuta yotlhe gore ba tle mo kitsong ya boammaaruri.—1 Tim. 2:3, 4.
10 mets: Botsolotsa Molebedi wa Setlhopha sa Tirelo ya Tshimo. Tiro ya gago e akaretsa eng? Ke eng se o se dirang go kaela ba ba mo setlhopheng sa gago le go ba thusa mo bodireding? Goreng go le botlhokwa gore baboledi ba go itsise fa ba fetola diaterese kgotsa tshedimosetso e o ikgolaganyang le bone ka yone? Goreng bagolwane ba ka rulaganya gore setlhopha sengwe le sengwe sa tirelo ya tshimo se itshwarele pokano ya sone go na le gore di kopane mo lefelong le le lengwe?
20 mets: “Thusa Difofu go Ithuta ka Jehofa.” Dipotso le dikarabo. Dira gore go dirwe pontsho.
Pina 96 le Thapelo