Dikai Tsa Dipuisano
Tora ya Tebelo Tlhakole 1
“Re naya mongwe le mongwe mo lefelong leno pampitshana eno. E tlhalosa kafa Baebele e leng botlhokwa ka gone. Ya gago ke eno. [Naya mong wa ntlo pampitshana ya O Leba Baebele Jang?] Batho ba bangwe ba ipotsa gore a Baebele e na le kgakololo e e ka ba thusang mo ditirong tsa bone. Bona se temana eno e se buang ka tiro. [Bala Moreri 3:13.] Makasine ono o tlhalosa mengwe ya melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go itumelela tiro ya rona. A o ka rata go o bala?”
Tsogang! Tlhakole
“Re etela baagelani ba rona ka bokhutshwane go ba bontsha makasine ono wa bosheng wa Tsogang! O araba potso eno e e kgatlhang. [Mmontshe setlhogo sa ka fa ntle.] Nka rata go utlwa gore wena o akanyang ka sekai se se umakilweng mo makasineng ono. [Bala Diane 29:11.] A o akanya gore molaomotheo ono wa Baebele o ka dira gompieno? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka melaometheo e le menè ya Baebele e bile e tlhalosa gore e ka re thusa jang fa re e dirisa.”