Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka Ferikgong le Tlhakole: Tsamaisa nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe di le 32: Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!, Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri, Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? Mopitlwe le Moranang: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Motsheganong le Seetebosigo: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa A o Ka Rata go Itse Boammaaruri?
◼ Re itumelela go lo itsise gore go kgakotswe Diholo Tsa Bogosi tse disha di le lesome le bongwe. Gauteng: Erasmus, Mohlakeng Zenzele. Free State: Bloemside, Bloemside East le Tikwana. Limpopo: Ga-Seleka. Mpumalanga: Delmas South, Ubuhlebuzile. Western Cape: Delft South, Vredendal. Swaziland: Nkoyoyo.
◼ Setlhogo sa puo ya phatlalatsa e e tla neelwang ke molebedi wa potologo mo loetong lwa gagwe lwa bobedi mo ngwageng wa tirelo wa 2015 sa re “Seemo sa Lefatshe Leno se a Fetoga.”