LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/14 ts. 4
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Puisano
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 10/14 ts. 4

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka Ngwanatsele

“Tsweetswee akanya ka potso eno e e kgatlhang. [Bala potso ya ntlha e e kwa morago mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa Ngwanatsele 1.] O akanyang? [Bala dirapa tse pedi tse di ka fa tlase ga potso eo o bo o bala bobotlana temana e le nngwe mo go tse di nopotsweng.] A nka boa gore re tlotle ka lebaka la go bo Jesu a ile a tsosa batho le gore seo se kaya eng mo go rona?”

Tora ya Tebelo Ngwanatsele 1

“A o kile wa ipotsa gore ke eng fa go direga dilo tse dintsi jaana tse di bosula mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e tlhalosa lebaka la seno mo go Tshenolo 12:9. [E bale.] Le fa go ntse jalo, temana 12 e re naya tsholofelo. [Bala Tshenolo 12:12.] Mo lobakanyaneng fela tlhotlheletso e e bosula ya ga Satane e tlile go fela. Setlhogo seno se se reng ‘A re Tshwanetse go Boifa Satane?’ se tlhalosa kafa re ka itshireletsang ka gone mo tlhotlheletsong ya gagwe gone jaanong le se se tla diragalelang Satane mo bogautshwaneng. Khopi ya gago ke eno.”

Tsogang! Ngwanatsele

“Mongwe le mongwe o batla go itumela, mme batho ba le bantsi ga ba a itumela. O akanya gore ke eng se se ka dirang gore re bone boitumelo jwa mmatota? [Mo letle gore a arabe.] Ke lemogile gore Baebele e thusa batho go itumelela botshelo. Ka sekai, ela tlhoko molaomotheo ono wa Baebele. [Bala Bahebera 13:5.] Makasine ono o bontsha ditsela tse nnè tse di theilweng mo Baebeleng tse di tla re thusang go bona boitumelo jwa mmatota.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela