Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Moranang e nnile kgwedi e go dirilweng ka natla thata mo go yone e bile go nnile le diphelelo tse di molemo mo tshimong ya lekala la rona. Re itumelela go lo itsise ka ditlhora tse pedi tse disha tsa Afrika Borwa! Palo ya baboledi e oketsegile go nna 96 134, mme go ne ga tshwarwa dithuto tsa Baebele di ka nna 141 812 ka Moranang. Dinaga di le mmalwa di nnile le tlhora e ntšha ya batho ba ba nnileng gone mo Segopotsong: Botswana 6 531; Lesotho 9 946; Namibia 8 198; Afrika Borwa 245 324; Swaziland 8 075. St. Helena le yone e nnile le palo ya 282 kwa Segopotsong. Re a lo akgola bakaulengwe, tswelelang ka tiro e e molemo!