Thulaganyo ya Beke ya Ngwanatsele 3
BEKE E E SIMOLOLANG KA NGWANATSELE 3
Pina 79 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 15 ¶11-19 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Duteronome 14-18 (10 mets.)
No. 1: Duteronome 15:16–16:8 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Lebaka La go Bo re Leba Boleo bo le Masisi—rs ts. 112 ¶2–ts. 113 ¶2 (5 mets.)
No. 3: Go Itseela Bana—Kafa go Itseela Bana go Neng go Tsewa e Bile go Dirwa ka Gone, Jaaka go Bontshiwa mo Dikwalong Tsa Sehebera—it-1-E ts. 50 ¶3-6, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
10 mets: Thusa Bana go Ipaakanyetsa Bodiredi. Motlotlo. Tshameka bidio ya Nna Tsala ya ga Jehofa—A re ye Tshimong. (Ya kwa jw.org/tn mme o lebe DITHUTO TSA BAEBELE > BANA.) Botsa bana: Ke bomang ba ba nang le beke ya tshimo? Lo tsenya eng mo go yone? Ke eng sa ntlha se Masego a se tsentseng mo bekeng ya gagwe? O ne a tlhoka eng gape? Fa a fetsa go paka beke ya gagwe, o ne a ya go dira eng le mmaagwe? Dira gore ngwana a dire pontsho a tsamaisa makasine.
10 mets: Kafa Bangwe ba Rerang Lefoko ka Potlako ka Gone. Mogolwane o botsolotsa baboledi ba babedi kgotsa ba bararo ba ba rulagantseng dilo sentle gore ba oketse bodiredi jwa bone kgotsa gore e nne babulatsela. Konela ka go gopotsa baboledi ka dithulaganyo tsa tshimo ya phuthego ya lona o bo o kgothaletsa botlhe go rulaganya dilo sentle gore ba nne le seabe ka botlalo mo bodireding.
10 mets: Bodiredi Jwa Gago bo Tokafetse Jang? Motlotlo ka molebedi wa tirelo. Kopa bareetsi go akgela kafa ditlhogo tsa bosheng tsa “Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding” di ba thusitseng ka gone go tokafatsa dikarolo tse di farologaneng tsa bodiredi jwa bone. Konela ka go kgothaletsa baboledi go tswelela ba rera ka potlako ka go dirisa dikakantsho tse di mo ditlhogong tseno.
Pina 100 le Thapelo