◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Mmino o o simololang thulaganyo o tla simolola ka 9:00 a.m. mo malatsing otlhe a mararo. Ka nako eo, rotlhe re tshwanetse go nna mo mannong a rona gore thulaganyo e simolole ka seriti. Pina e e konelang le thapelo di tla itsisiwe mo e ka nnang ka 4:25 p.m. ka Labotlhano le ka Matlhatso mme ka Sontaga thulaganyo e tla konela mo e ka nnang ka 3:20 p.m.
◼ Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba: Mo dinageng dingwe go tla tshwarwa dikopano tsa ditšhabatšhaba. Gakologelwa gore ofisi ya lekala e laleditse diphuthego tse di rileng le batlakopanong ba dinaga di sele morago ga go akanya ka kelotlhoko ka palo ya manno, mafelo a go phaka dikoloi le dikamore tsa dihotele tse di leng teng. Go tla tlala ka tsela e e feteletseng fa baboledi ba ka ya kopanong ya ditšhabatšhaba e ba sa lalediwang kwa go yone. Fa go nna le mabaka a a dirang gore o ye kwa kopanong e nngwe e o sa abelwang kwa go yone, o se ka wa ya kwa kopanong ya ditšhabatšhaba.
◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la go phaka dikoloi, dikoloi di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang go phaka mo go lone. Gantsi mafelo a go phaka dikoloi ga a mantsi, ka jalo, re tshwanetse go leka thata go tsamaya mmogo mo dikoloing.
◼ Marobalo: Diforomo tsa Special Needs Room Request (CO-5a) di gone fa baboledi ba ba batlang go kopa marobalo ba di batla. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go sekaseka gore a baboledi ba a tshwanelega, e dirisa dikaelo tse di mo foromong eno le tse di mo lekwalong la October 27, 2013, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane. Thulaganyo eno e diretswe fela baboledi ba ba nang le boemo jo bo siameng mo phuthegong le bana ba bone ba ba maitseo.
◼ Go Boloka Manno: Fa dikgoro tsa lefelo la kopano di bulwa moso mongwe le mongwe, tsweetswee, lo se ka lwa itlhaganelela kwa mannong a lo a ratang e kete lo gaisana le batho ba bangwe ba ba tlileng kopanong. Moya wa go intsha setlhabelo o o re tlhotlheletsang go batlela ba bangwe se se molemo o bontsha gore re Bakeresete ba mmatota mme o tlhotlheletsa batho ba ba lebileng gore ba bake Modimo. (Joh. 13:34, 35; 1 Bakor. 13:4, 5; 1 Pet. 2:12) O ka bolokela fela batho ba o nnang le bone mo ntlong kgotsa ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba gone jaanong o ithutang Baebele le bone. Batho ba ba godileng le ba ba bokoa ba beetswe manno a a kgethegileng. E re ka manno ano a lekanyeditswe, mo ditulong tseo go ka nna motho a le mongwe kgotsa ba le babedi fela ba ba thusang batho ba ba godileng kgotsa ba ba bokoa.
◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng dijo tse di motlhofo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya ka fa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa mo lefelong le batlhokomedi ba lo kaelang gore lo di beye mo go lone. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.
◼ Meneelo: Re ka bontsha gore re anaanela dithulaganyo tsa kopano ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa kopanong. Fa e le gore lo ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, dirang dituelo go “Christian Congregation of Jehovah’s Witnesses of South Africa.” Dikopano di le mmalwa di tla amogela meneelo ka dikarata tsa debit kgotsa tsa credit.
◼ Melemo: Fa e le gore o tlhoka melemo e o e fiwang ke ngaka, tsweetswee tlhomamisa gore o tla ka e e lekaneng, e re ka go tla bo go se na epe kwa kopanong. Mamao a bolwetse jwa Diabetes le dinnale di tshwanetse go latlhelwa sentle mo metemeng ya matlakala ya dilo tse di kotsi mme e seng mo metemeng e e mo mabaleng a kopano le mo dihoteleng.
◼ Ditlhagiso Tsa Tshireletsego: Tsweetswee, nnang kelotlhoko thata go tila dikgobalo tse di ka bakwang ke relela kgotsa go kgopiwa. Ngwaga le ngwaga go nna le dikgobalo tse di bakwang ke ditlhako, segolobogolo tsa direthe tse di kwa godimo. Go botoka go tlhopha ditlhako tse di bori, tse di go lekanang sentle tse di ka go letlang go tsamaya ka pabalesego mo ditselaneng tse di tlhatlogang, ditepisi le mo diforeimeng tsa tshipi tse di fa fatshe, jalo le jalo.
◼ Diporema Tsa Bana le Ditulo Tsa Llono: Ga re a tshwanela go tla ka diporema tsa bana le ditulo tsa llono mo holong. Le fa go ntse jalo, ditulo tsa masea tse di lekanang mo setulong se se fa thoko ga sa batsadi di a amogelesega.
◼ Dinkgisamonate: Dikopano tse dintsi tsa kgaolo di tshwarelwa mo mafelong a a tswalegileng a go sa tseneng moya mo go one. Ka jalo, re tla bo re bontsha lorato fa re ka fokotsa dinkgisamonate tse di nang le monko o o bogale tse di ka bakelang batho mathata a go hema le a mangwe a a amanang le gone.—1 Bakor. 10:24.
◼ Diforomo Tsa Tsweetswee Boela (S-43): Re tshwanetse go dirisa diforomo tsa Tsweetswee Boela go kwala tshedimosetso malebana le ope fela yo o bontshang kgatlhego fa re rera re se mo bodireding ka nako ya kopano. Diforomo tse di tladitsweng di ka isiwa kwa Lefapheng la Dibuka kgotsa o ka di naya mokwaledi wa phuthego ya lona fa o boela kwa phuthegong ya lona.
◼ Diresetšhurente: Bontsha gore o tlotla leina la ga Jehofa ka go itshwara sentle kwa diresetšhurenteng. Apara ka tsela e e tshwanelang modiredi wa Mokeresete. Tlogelela motho yo o go thusang madinyana a tebogo fa go tlwaelegile go dira jalo.
◼ Tirelo ya Boithaopo: Ope fela yo o batlang go ithaopa o tshwanetse go ya kwa Lefapheng la Tirelo ya Boithaopo kwa kopanong. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 16 le bone ba ka nna le seabe se segolo ka go bereka ka fa tlase ga kaelo ya motsadi kgotsa motlhokomedi mongwe yo o godileng yo batsadi ba mo kopileng.