LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/14 ts. 4
  • Taletso e e Kgethegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Taletso e e Kgethegileng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Naya Batho Taletso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Letsholo la go Itsise ka Segopotso le Simolola ka March 1
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Letsholo la go Tsamaisa Ditaletso Tsa Kopano
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Letsholo la go Laletsa Batho go Tla Segopotsong le Tla Simolola ka Mopitlwe 22
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 4/14 ts. 4

Taletso e e Kgethegileng

1. Letsholo la taletso ya dikopano tsa 2014 le tla simolola leng?

1 Fa o rulaganya go apeela ditsala kgotsa ba lelapa dijo tse di kgethegileng, mme di tlhoka matsapa a magolo e bile di tlhoka madi a mantsi go di apaya, ga go pelaelo gore o tla ba laletsa ka matlhagatlhaga. Ka tsela e e tshwanang, go tsere matsapa go baakanyetsa moletlo wa semoya o re tla nnang le one kwa kopanong ya rona ya kgaolo le ya ditšhabatšhaba ya 2014. Dibeke di le tharo pele ga dikopano tsa rona tsa kgaolo di simolola, re tla nna le tshiamelo ya go laletsa batho ba bangwe go nna teng kwa go tsone. Ke eng se se tla re thusang go laletsa batho ka matlhagatlhaga?

2. Ke eng se se tla re tlhotlheletsang go nna le seabe ka botlalo mo letsholong leno?

2 Re tla tlhotlheletsega go nna le seabe ka botlalo mo letsholong leno fa re ka akanya malebana le kafa re tla solegelwang molemo ka teng ke moletlo ono wa semoya o Jehofa a re direlang one kwa dikopanong tsa rona tsa kgaolo. (Isa. 65:13, 14) Mme gape re tshwanetse go gakologelwa gore, letsholo la rona la ngwaga le ngwaga le nna le diphelelo tse di molemo. Batho bangwe ba re ba laletsang ba tla ya le rona kwa kopanong. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore ke batho ba le kae ba ba yang kopanong, maiteko a rona a magolo ka nako ya letsholo leno a tla baka Jehofa le go bontsha kafa a leng pelotshweu ka gone.—Pes. 145:3, 7; Tshen. 22:17.

3. Ditaletso di tla tsamaisiwa jang?

3 Setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane se tla bona kafa phuthego e ka kgonang go anamisa ditaletso ka gone le gore a ba ka di tlogela mo matlong a go se nang batho mo go one kgotsa go di tsamaisa mo bodireding jwa phatlalatsa mo tshimong ya bone. Ka mafelobeke go tshwanetse ga tsamaisiwa dimakasine mmogo le ditaletso fa go tshwanela. Fa Matlhatso wa ntlha wa kgwedi a wela mo matlheng a letsholo, go tshwanetse ga tsamaisiwa thata ditaletso go na le go simolola dithuto tsa Baebele. Fa letsholo le fela, a bo re tla itumela jang ne go itse gore re nnile le seabe ka matlhagatlhaga le gore re laleditse batho ba bantsi ka mo re ka kgonang ka teng gore ba itumelele moletlo wa semoya o Jehofa a re o baakanyeditseng!

O Tla Reng?

Fa o sena go dumedisa ka tsela e e tlwaelegileng o ka nna wa re: “Re mo letsholong la lefatshe lotlhe la go laletsa batho mo tiragalong e e botlhokwa thata. Letlha, nako le aterese di printilwe mo taletsong eno.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela