Thulaganyo ya Beke ya Moranang 7
BEKE E E SIMOLOLANG KA MORANANG 7
Pina 15 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 5 ¶9-17 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Ekesodo 7-10 (10 mets.)
No. 1: Ekesodo 9:20-35 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Keresete o Tla Boa ka Mokgwa Ofe, Mme Matlho Otlhe a Tla Mmona Jang?—rs ts. 165 ¶2–ts. 166 ¶5 (5 mets.)
No. 3: Abishai—Nna o Ikanyega Mme o Nne o Iketleeditse go Thusa Bakaulengwe ba Gago—(it-1 ts. 26, kgotsa kgatiso epe fela) (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
10 mets: Go Tsamaisa Dimakasine ka Moranang. Motlotlo. Simolola ka go dira gore go nne le pontsho e e bontshang kafa dimakasine di ka tsamaisiwang ka gone, go dirisiwa dikai tse pedi tsa dipuisano tse di mo tsebeng eno. Go tswa foo, tlotlang ka dikai tseo tsa dipuisano go tswa kwa tshimologong go ya kwa di felelang gone. Konela ka go kgothatsa botlhe ka bokhutshwane gore ba itlwaelanye le dimakasine mme ba di tsamaise ka matlhagatlhaga.
10 mets: Lo se Ka Lwa Lebala go Tshola Baeng. (Baheb. 13:1, 2) Puo ka mogolwane. Sekaseka dithulaganyo tsa Segopotso tsa phuthego ya lona. Akantsha ditsela tse ka tsone botlhe ba ka bontshang moya wa go amogela baeng le go amogela baboledi ba ba tsidifetseng ba ba tla bong ba le teng. Rulaganya gore go dirwe pontsho e khutshwane ya dikarolo tse pedi. Ya ntlha e nne pontsho ya mmoledi yo pele ga thulaganyo e simolola a amogelang mongwe yo o amogetseng taletso ka nako ya letsholo. Morago ga foo, e nne pontsho ya mmoledi a dira dithulaganyo morago ga dipokano tsa gore a boele kwa mothong yo o neng a re etetse yo o bontshitseng kgatlhego.
10 mets: Re Dirile Jang? Motlotlo. Kopa baboledi gore ba akgele malebana le kafa ba solegetsweng molemo ka gone ka go dirisa dintlha tsa setlhogo se se reng, “Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Araba Batho Ba ba Ka Kgoreletsang Puisano.” Kopa bareetsi gore ba anele maitemogelo a a molemo a ba nnileng le one.
Pina 20 le Thapelo