Thulaganyo ya Beke ya Tlhakole 24
BEKE E E SIMOLOLANG KA TLHAKOLE 24
Pina 101 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 3 ¶11-18 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Genesise 32-35 (10 mets.)
Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo (20 mets.)
Pokano ya Tirelo:
5 mets: Simolola Thuto ya Baebele ka Matlhatso wa Ntlha. Puo. Tlhalosa dithulaganyo tsa tshimo tsa phuthego ya lona ka Matlhatso wa ntlha ka Mopitlwe. Rulaganya gore go dirwe pontsho go dirisiwa sekai sa puisano se se mo tsebe 4.
15 mets: Botlhokwa Jwa Boitshoko. Motlotlo o o theilweng mo kgatisong ya Buka ya Ngwaga ya 2013, tsebe 45, serapa 1, go ya go tsebe 46, serapa 1; le tsebe 136-137. Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ithutileng.
10 mets: “Letsholo la go Laletsa Batho go Tla Segopotsong le Tla Simolola ka Mopitlwe 22.” Puo ka molebedi wa tirelo. Naya bareetsi pampitshana ya taletso mme lo sekaseke tshedimosetso e e mo go yone. Tlotla ka dintlha tse di ka thusang go tswa mo lekwalong la ditaelo le le romeletsweng bagolwane mme o tlhalose dithulaganyo tse di dirilweng mo phuthegong ya lona gore go dirwe tshimo yotlhe.
Pina 109 le Thapelo