Thulaganyo ya Beke ya December 2
BEKE E E SIMOLOLANG KA DECEMBER 2
Pina 123 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jl Thuto 14-16 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 1 Petere 1-5–2 Petere 1-3 (10 mets.)
No. 1: 1 Petere 2:18–3:7 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Bodumedi jo bo Siameng ke jo Dithuto Tsa Jone di Theilweng mo Baebeleng e Bile bo Itsise Leina la Modimo—rs ts. 78 ¶4-5 (5 mets.)
No. 3: Lebaka La go Bo re Tlhatswegile Pelo Gore Jesu ke Mesia—Luke 24:44; Bagal. 4:4 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Go Simolola Thuto ya Baebele ka Matlhatso wa Ntlha. Puo. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo go simololeng dithuto tsa Baebele ka Matlhatso wa ntlha wa December. Dira gore go dirwe pontsho e khutshwane ya kafa seno se ka dirwang ka teng go dirisiwa tsebe e e ka fa morago ya Tora ya Tebelo.
15 mets: A o Kile wa di Leka? Motlotlo. Neela puo o boeletsa ka bokhutshwane tshedimosetso e e tswang mo ditlhogong tseno tsa bosheng tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi: “Web Site ya Rona ya Semolao—E Diretswe go Solegela Rona le ba Bangwe Molemo” (km 12/12), “Dirisa Dibidio fa o Ruta,” le “Ke Mang yo o Tla Kgatlhegelang Seno?” (km 5/13). Kopa bareetsi gore ba akgele kafa ba ileng ba solegelwa molemo ka gone ke go dirisa dikakantsho tse di mo ditlhogong tseno.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
Pina 12 le Thapelo