Thulaganyo ya Beke ya September 9
BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 9
Pina 62 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 14 ¶1-7 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 10-16 (10 mets.)
No. 1: 1 Bakorintha 14:7-25 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Motho yo o Nang le Boleo a ka “Nolofatsa Sefatlhego sa ga Jehofa” Jang?—2 Ditir. 33:12, 13; Isa. 55:6, 7 (5 mets.)
No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Pego E e Mo go Johane 9:1, 2, E se Na Bosupi Jwa go Tsalwa ka Mmele o Mosha?—rs ts. 181 ¶3–ts. 182 ¶3 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Basha—Lo Tla Dirang ka Botshelo Jwa Lona?—Karolo 1. Puo e e theilweng mo pampitshaneng ya Botshelo Jwa Lona, serapa 1-9. Akgola ka lorato basha ba ba dirang ka natla go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone.
10 mets: Maitemogelo A fa Go ne Go Dirisiwa Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo. Motlotlo. Kopa bareetsi go anela maitemogelo a a tlhomologileng a ba nnileng le one fa ba ne ba simolola dithuto tsa Baebele ba dirisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo. Dira gore go dirwe pontsho e e bontshang kafa boroutšhara jono bo ka dirisiwang ka gone fa go boelwa kwa mothong yo o amogetseng dimakasine mo nakong e e fetileng.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2013, tsebe 7.
10 mets: “Tsayang Baporofeti e le Sekao—Amose.” Dipotso le dikarabo.
Pina 96 le Thapelo