Kago ya Diholo Tsa Bogosi—A o Ka Oketsa Tirelo ya Gago?
1-3. Jehofa o segofatsa tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi jang, mme ke ka ntlha yang fa go tlhokega baithaopi ba ba oketsegileng?
1 Ruri go a ipedisa go bona dikitsiso tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi tse di ka ga Diholo Tsa Bogosi tse disha tse di neelwang kgwedi le kgwedi! Tiro ya bonatla e e dirwang ke baithaopi mo kagong ya Diholo Tsa Bogosi e dirile gore go neelwe Diholo Tsa Bogosi di feta 1 000 mo tshimong e e tlhokometsweng ke lekala la Afrika Borwa. Pako yotlhe e ya go Jehofa, yo moya wa gagwe o rotloetsang batho ba gagwe ba ba ikemiseditseng go mo direla.—Seka. 4:6.
2 Ngwaga le ngwaga go tlhomiwa diphuthego di ka nna 70 mo tshimong ya rona. Seno se raya gore go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse disha di ka nna 45 ngwaga le ngwaga. Mo ngwageng wa tirelo wa 2012, go ne ga agiwa Diholo Tsa Bogosi tse disha di le 44. Ka jalo, go tlhokega baithaopi ba ba oketsegileng ka bonako go thusa go akofisa tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi!
3 Mo godimo ga koketsego ya ngwaga le ngwaga, tshimo ya rona e tlhoka Diholo Tsa Bogosi di le 293. Diphuthego dingwe tse dikgolo di sa ntse di kopanela kwa morago ga matlo, mo magaeng a bakaulengwe, mo dikaratšheng kgotsa mo diholong tse di hiriwang. Gape, Diholo Tsa Bogosi tse dintsi tse di leng teng, di tshwanelwa ke go baakanngwa le go tlhabololwa. Tiro eno yotlhe e tla dirwa jang?
4. Diporojeke tsa kago ya Diholo Tsa Bogosi di letlelelwa jang gore di agiwe mme go na le melemo efe ya go dirisa polane e e tshwanang le lenaane la setoko sa dilo tse di dirisiwang mo Holong ya Bogosi?
4 Thulaganyo ya Kago ya Diholo Tsa Bogosi: Ofisi ya Kago ya Diholo Tsa Bogosi e e mo lekaleng la Afrika Borwa e tlhokometse ditiro tsotlhe tse di amanang le kago le go baakanngwa ga Diholo Tsa Bogosi. Diphuthego di tshwanetse go bona tetla e e kwadilweng go tswa mo ofising ya lekala pele ga di ka reka setsha kgotsa go dira dithulaganyo tsa go aga. Phuthego e tshwanetse ya bo e kgona go tshegetsa porojeke eno ka go bereka le ka madi. Dipolane Tse di Tshwanang tsa Diholo Tsa Bogosi le lenaane la setoko sa dilo tse di dirisiwang mo Holong ya Bogosi di tswa mo ofising ya lekala.—Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “Polane e e Tshwanang” le le mo tsebe 4 le la se se reng “Setoko sa Dilo Tse di Dirisiwang mo Holong ya Bogosi” le le mo tsebe 6.
5. Ke dithulaganyo dife tse pedi tse di lorato tse di dirilweng go thusa diphuthego go duelela Holo ya Bogosi?
5 Go Duelela Kago ya Diholo Tsa Bogosi: Diphuthego di ka dira kopo ya kadimo ya madi mo mokgatlhong, mme madi ao a ka duelwa a se na morokotso ka dingwaga di le 20. Le fa go ntse jalo, diphuthego dingwe di na le mathata a a masisi a tsa madi mme ga di kgone go duelela kadimo eo ya madi. Ka lorato, Setlhopha se se Laolang se dirile thulaganyo e e tla thusang gore diphuthego tse di ntseng jalo di nne le Holo ya Bogosi. Go ya ka thulaganyo eno, Holo ya Bogosi ke ya ofisi ya lekala mme phuthego e dira tumalano ya go ntsha moneelo go ya go ile go duelela tiro ya Kago ya Diholo Tsa Bogosi mo Lefatsheng Lotlhe. Mmoledi mongwe le mongwe mo phuthegong o dira maikano a go ntsha moneelo wa madi a a rileng kgwedi le kgwedi. (Math. 5:37) Ditshenyegelo tsa go tlhokomela le go dirisa holo di duelelwa ke phuthego.
6, 7. (a) Setlhopha se se Agang Diholo Tsa Bogosi ke eng? (b) Ke tiro efe e e direlwang komiti ya go tlhopha ditsha le go di kwadisa semolao? (Bona lebokoso.)
6 Ditlhopha Tse di Agang Diholo Tsa Bogosi: Go dirilwe thulaganyo e ntšha ya go thusa ka tlhokego e kgolo ya Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng. Ofisi ya lekala e tlhomile Ditlhopha Tse di Agang Diholo Tsa Bogosi di le thataro mo Afrika Borwa. Gape ofisi ya lekala e okametse Dikomiti Tsa Kago ya Kgaolo di le 22. Seemo seno se tlhomologile, e re ka makala a mantsi a na le thulaganyo e le nngwe fela ya go okamela tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi.
7 Ditlhopha Tse di Agang Diholo Tsa Bogosi di abetswe go dira tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi ka metlha. Mo go tsone go na le badiri ba ka metlha ba kago ya Diholo Tsa Bogosi le baithaopi ba nakwana ba kago ya Diholo Tsa Bogosi. Ditlhopha tseno ka bobedi di mo tirelong ya nako e e tletseng. Badiri le baithaopi ba tlhokomelwa ka tsela e e tshwanang le e batho ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng ba tlhokomelwang ka yone. Ka nako ya porojeke ya go agiwa ga Holo ya Bogosi, bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba tshwanelegang ba bereka le baithaopi ba phuthego, ba ba thapisetsa ditiro tse di tlhokegang. A o ka rata go thusa?
8. O ka lebelela eng fa o nna modiredi wa kago ya Diholo Tsa Bogosi?
8 Baithaopi ba ba dirang tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi ba abelwa go dira tiro eno go fitlha ka dikgwedi di le tharo. Go ikaegile ka gore go na le tlhokego e kana kang, ofisi ya lekala e ka nna ya kopa moithaopi gore a ikwadisetse go nna modiredi wa kago ya Diholo Tsa Bogosi. Ka nako ya tirelo ya bone, badiredi ba kago ya Diholo Tsa Bogosi ba newa madi a mannye kgwedi le kgwedi go ba thusa ka ditshenyegelo tsa bone. Baithaopi bano ba ba dirang ka pelo yotlhe ba dira tiro ya bone mme ga ba itlhokomolose thulaganyo ya bone e e tlwaelegileng ya semoya. Setlhopha sa Kago ya Diholo Tsa Bogosi se na le seabe se segolo mo bodireding jwa tshimo, se sekaseka Tora ya Tebelo beke le beke le go ya kwa dipokanong tsa phuthego ka metlha. Gantsi setlhopha se nna kwa lefelong le dilwana tsa kago di nnang gone kgotsa mo lefelong lengwe le le hirilweng gaufi le mafelo a Diholo Tsa Bogosi. Ba tshela botshelo jo bo sa raraanang mme gantsi maemo a ba nnang mo go one ga se gantsi a leng motlhofo mme ba itumedisiwa thata ke go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba le diketekete ba kopanela mo mafelong a kobamelo a a nang le seriti a a tlotlomatsang leina la ga Jehofa.
9, 10. (a) Komiti ya Kago ya Kgaolo e na le seabe sefe mme e dirisa bomang thata? (b) Malapa a na le tshono efe?
9 Dikomiti Tsa Kago ya Kgaolo: Baithaopi ba ba amogetsweng ba mo lefelong le go agiwang mo go lone, ba thusa Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo go aga le go tlhabolola Diholo Tsa Bogosi. Gantsi ba bereka ka mafelobeke. Gape Dikomiti tsa Kago Tsa Kgaolo di thapisa ba bangwe go tlhatlhoba le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi tse di setseng di le teng.
10 Komiti ya Kago ya Kgaolo e dirisa thata baithaopi ba ba mo lefelong le go agiwang mo go lone. Baithaopi ba ba amogetsweng ba abelwa go bereka le ditlhopha mme gape ba thapisediwa go nna le bokgoni jo bo rileng. Baithaopi bano ke batho ba ba intshang setlhabelo ba gape ba tlhomamisang gore le ka motlha ga ba itlhokomolose maikarabelo a bone a semoya e bile ba na le seabe ka metlha mo tirong ya go rera ka Bogosi. Batsadi ba kgothalediwa gore ba ithaope le bana ba bone. Baithaopi ba ba fa gare ga dingwaga di le 13 le 15 ba ka thusa ba tlhokometswe ke batsadi ba bone. Gape go na le dithulaganyo tsa go tlhokomela bana ba bannye fa batsadi ba bone ba ntse ba bereka mo lefelong la Holo ya Bogosi. Ka tsela eno lelapa lotlhe le ka kgona go bereka mmogo mo tirong eno e e itumedisang.
11. O ka thusa jang mo kagong ya Holo ya Bogosi le go e tlhokomela le fa maemo a gago a sa go letle?
11 Ga go ise go ke go nne le tlhokege e kgolo thata jaana ya baithaopi ba ba thusang mo tirong ya go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi. Gongwe ga o kgone go ithaopa ka nako e tletseng gone jaanong. Mme a o ka ithaopa go bereka mo lefelong la lona ka mafelobeke? O ka kgona go thusa ka go apaya dijo kgotsa go thusa ka go naya baithaopi marobalo. Maiteko ape a o a dirang, go sa kgathalesege gore a mannye go le kana kang, a thusa go tsweletsa pele boikaelelo jwa ga Jehofa.
12. Ke mang yo o tshwanetseng go tlhokomela Holo ya Bogosi?
12 Go Tlhokomelwa ga Holo ya Bogosi: Fa go agiwa Holo e ntšha ya Bogosi, go nna le boitumelo jo bogolo mo phuthegong. Fa e setse e weditswe, mmoledi mongwe le mongwe mo phuthegong o na le boikarabelo jwa go tlhokomela Holo eno e ntšha ya Bogosi.
13. Tsela e Holo ya Bogosi e lebegang ka yone e ama jang leina la ga Jehofa?
13 Akanya fela baeng ba goroga mo lelapeng la gago o sa ba lebelela. Fa ba tsena ka kgoro e e kwa pele, o lemoga gore phaposi ya bonno e tlhakatlhakane. Ruri go ka go tlhabisa ditlhong. Ka ntlha yang? Ka gonne legae la gago le bontsha gore lelapa la lona le ntse jang. Ka tsela e e tshwanang, Holo ya Bogosi e emela Jehofa Modimo le batho ba gagwe. Fa baeng ba fitlha kwa Holong ya Bogosi, ba e fitlhela e ntse jang? A matlwana a phepa? A ditulo le dikhapete di phepa? A difensetere di phepa? A tsela e Holo ya rona ya Bogosi e lebegang ka yone e tlotlomatsa “Yo o Boitshepotshepo” e bong Jehofa, yo e seng Modimo wa tlhakatlhakano?—Dia. 9:10; 1 Bakor. 14:33.
14, 15. Re ka bontsha jang gore re anaanela Holo ya rona ya Bogosi?
14 Re tshwanetse go gakologelwa gore Holo ya rona ya Bogosi ke mpho ya bopelotshweu e e tswang kwa Modimong, mme tsela e re e tlhokomelang ka yone e bontsha kafa re e anaanelang ka teng. Re dira sentle fa re ipotsa gore: A ke thusa go boloka Holo ya Bogosi e le phepa? A ke dirisa nako le maatla a me go thusa go tlhokomela Holo ya Bogosi?
15 E kete mongwe le mongwe wa rona le malapa, re akanyetse ka thapelo kafa re ka dirang maiteko a magolo ka teng go oketsa le go tlhokomela mafelo a rona a kobamelo. Jehofa o ne a bolela jaana fa a ne a bua ka go tshegediwa ga tempele ya gagwe: “Leina la me . . . matlho a me le pelo ya me ruri di tla itshupa di le mo go yone ka metlha.”—1 Dikg. 9:3.
Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ikgolaganye le:
Lefapha la Kago ya Diholo Tsa Bogosi
Telephone: +27 11 761 1431
Fax: +27 11 761 1890
E-mail: khcd.za@jw.org
[Lebokoso mo go tsebe 3]
• Ba ba Okametseng Tiro
• Tshegetso ya Madi
• Dipolane Tse di Tshwanang
• Ditlhopha Tsa Kago ya Diholo Tsa Bogosi
• Go Tlhophiwa ga Setsha Le go Se Kwadisa Semolao
• Komiti ya Kago ya Kgaolo
• Tlhokomelo
• Lenaane la Setoko
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]
• Ba ba Tlhokometseng Tiro
• Tshegetso ya madi
• Dipolane Tse di Tshwanang
• Ditlhopha Tsa Kago ya Diholo Tsa Bogosi
• Go Tlhophiwa ga Setsha Le go Se Kwadisa Semolao
• Komiti ya Kago ya Kgaolo
• Tlhokomelo
• Lenaane la Setoko
Polane e e Tshwanang
Go latelwa melao e e tshwanang ya go aga
E somarela madi: Lekala la Afrika Borwa le reka dilwana tse di rileng ka bontsi mme ka go dira jalo le bona dilo tsa boleng jo bo kwa godimo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.
E dira gore go nne motlhofo go tlhokomela holo: Go dirisa polane e e tshwanang go akaretsa didirisiwa tse di sa batleng tlhokomelo e ntsi mme seno se dira gore go nne motlhofo go boloka Holo ya Bogosi e le mo boemong jo bo siameng.
E boloka nako: Diphuthego ga di tlhole di tlhoka go dirisa nako e ntsi di tlhopha polane le dilwana tse dingwe.
E thusa batho gore ba nne le bokgoni: Lefapha la Kago ya Diholo Tsa Bogosi le dirisa mekgwa e e nang le matswela a a molemo e e dirisitsweng mo diporojekeng tse dingwe.
Mofuta wa dikago tse di tlhomiwang: Diphuthego tse dinnye kgotsa tse di sa kgoneng go bona setsha se di ka kgonang go aga mo go sone di ka dirisa mofuta wa dikago tse di tlhomiwang.
Go Tlhophiwa ga Setsha Le go Se Kwadisa Semolao
Go na le setlhopha sa bakaulengwe le bokgaitsadi se se batlang ditsha, se se dirang dipuisano tsa go reka le go kwadisa ditsha semolao. Gone jaanong se dirisana le diphuthego tse di ka nnang 350 mme se bereka mo ditsheng tsa Diholo Tsa Bogosi di le 300. Se thusa diphuthego tsa mo Afrika Borwa le dinaga tse di gaufi.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go Tweng ka Wena?
Moithaopi wa Kago ya Diholo Tsa Bogosi
A ke a tshwanelega?
◻ O kolobeditswe bobotlana ngwaga
◻ O mo gare ga dingwaga di le 19 le 55
◻ O kgona go ithaopa ka nako e tletseng ka dikgwedi tse di ka nnang tharo
◻ O mmoledi yo o begang ka metlha yo o tlhoafetseng
◻ O kgona go dira tiro e e boima ya diatla
◻ O itekanetse sentle mo mmeleng le mo maikutlong
◻ O iketleeditse go dira tiro epe e o e abelwang
Ke ikwadisa jang?
✔ Tlatsa foromo ya Application for Kingdom Hall Construction Volunteer Program (A-25)
✔ Neela Komiti ya Tirelo ya Phuthego foromo e e tladitsweng
Go Ithaopa mo Lefelong le o Nnang mo go Lone
A ke a tshwanelega?
◻ O kolobeditswe
◻ O na le bobotlana dingwaga di le 16
◻ O ka kgona go ithaopa segolobogolo ka mafelobeke
◻ O mmoledi yo o begang ka metlha yo o tlhoafetseng
◻ O kgona go dira tiro e e boima ya diatla
◻ O itekanetse sentle mo mmeleng le mo maikutlong
◻ O iketleeditse go dira tiro epe e o e abelwang
Ke ikwadisa jang
✔ Tlatsa foromo ya Regional Building Committee Volunteer Application (S-82)
✔ Neela Komiti ya Tirelo ya Phuthego foromo e e tladitsweng
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Setoko sa Dilo Tse di Dirisiwang mo Holong ya Bogosi
Ofisi ya lekala e laola setoko sa dilo tse di tlhokegang mo Diholong tse disha tsa Bogosi le tse di setseng di le teng. Seno se akaretsa go dira dipatlisiso le go reka dilwana ka bontsi mme se se dira gore go se ka ga dirisiwa madi a mantsi. Diphuthego di kgothalediwa gore di otare dilwana ka tlhamalalo go tswa go Lefapha la Kago ya Diholo Tsa Bogosi.
Tshedimosetso e e ka ga dilwana le ditlhwatlhwa e mo karolong ya “Documents” e e mo atereseng ya Internet ya jw.org. Bagolwane bangwe le batlhanka ba bodiredi ba ka kgona go bona dilwana tseno mo Internet le go itseela diforomo tsa go otara dilwana gone. Web site ya rona e setse e le tsela e e botlhokwa e ofisi ya lekala e e dirisang go buisana le diphuthego; go e dirisa go boloka nako le ditshenyegelo.
Lelapa la Gago le ka Thusa Jang?
Nnang le seabe ka metlha mo go phepafatseng Holo ya Bogosi
Nnang le seabe ka botlalo mo letsatsing le phuthego ya lona e baakanyang Holo ya Bogosi ka lone
Ruta bana ba gago go boloka Holo ya Bogosi le matlwana a le phepa
Bolelela bakaulengwe ba ba ikarabelang ka go tlhokomela Holo ya Bogosi fa go na le sengwe se se tlhokang go baakanngwa
• Ba ba Tlhokometseng Tiro
• Tshegetso ya madi
• Dipolane Tse di Tshwanang
• Ditlhopha Tsa Kago ya Diholo Tsa Bogosi
• Go Tlhophiwa ga Setsha Le go Se Kwadisa Semolao
• Komiti ya Kago ya Kgaolo
• Tlhokomelo
• Lenaane la Setoko
[Ditshwantsho mo go tsebe 3]
Pele go agiwa
Fa go agiwa
Holo ya Bogosi e e weditsweng
Phuthego le Setlhopha sa Kago