Ditshono Tse di Oketsegileng Tsa go Baka Jehofa
1. Ke thulaganyo efe e ntšha e e tla re thusang go “baka Jehofa thata”?
1 Ka March monongwaga, go ile ga simololwa thulaganyo e ntšha e mo go yone baboledi ba nnang le tshono ya go tsenela bobulatsela jo bo thusang jwa diura di le 30 ka March le April le ka nako e e tlwaelegileng ya ketelo ya molebedi wa potologo. Fa loeto lwa molebedi wa potologo lo le fa gare ga dikgwedi tse pedi tseno, baboledi ba ba ikwadiseditseng go dirisa thulaganyo ya diura di le 30 ba ka tlhopha nngwe ya dikgwedi tseno go nna babulatsela ba ba thusang. Babulatsela botlhe ba ba thusang ba ka nna teng mo pokanong yotlhe e molebedi wa potologo a e tshwarang le babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng. Seno se raya gore fa re sa kgone go fitlhelela diura tse 50 tse di batlegang, re sa ntse re ka kgona go “baka Jehofa thata” re le babulatsela ba ba thusang ka makgetlho a le manè mo ngwageng re dirisa thulaganyo ya diura di le 30!—Pes. 109:30; 119:171.
2. Batho ba e tla nnang babulatsela ba ba thusang ka nako ya ketelo ya molebedi wa potologo ba tla itumelela eng?
2 Ka Nako ya Ketelo ya Molebedi wa Potologo: Gone jaanong ba le bantsi ba tla kgona go nna babulatsela ba ba thusang ka nako ya ketelo ya molebedi wa potologo le go itumelela go kgothadiwa ke go bereka le ene mo bodireding. (Bar. 1:11, 12) Gongwe babulatsela ba le bantsi ba ba thusang ba tla dira dithulaganyo tsa gore ba dirise letsatsi le lengwe mo gare ga beke gore ba bereke le molebedi wa potologo. Ba ba berekang mo gare ga beke ba ka nna ba mmotsa gore a o ka kgona go bereka le bone ka Matlhatso kgotsa ka Sontaga. Mo godimo ga moo, a bo go tla kgothatsa jang ne gore babulatsela ba ba thusang ba nne teng mo pokanong ya babulatsela mmogo le babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng!
3. Ke ka ntlha yang fa paka ya Segopotso e le nako e e molemo ya go nna mmulatsela yo o thusang?
3 Ka March le April: Batho ba ba ileng ba dirisa thulaganyo ya nako e e fetileng ya go nna babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e le nngwe ka nako ya paka ya Segopotso ba dirisa thulaganyo ya diura di le 30 ba ka kgona go oketsa ‘setlhabelo sa bone sa pako’! (Baheb. 13:15) Kgwedi ya March le ya April ke nako e e siameng ya go oketsa bodiredi jwa rona ka go nna babulatsela ba ba thusang. Ngwaga le ngwaga ka dikgwedi tseo, re nna le seabe mo letsholong le le itumedisang la go laletsa batho go nna teng kwa Segopotsong. Mo godimo ga moo, e re ka ba le bantsi ba oketsa bodiredi jwa bone ka paka ya Segopotso, re ka kgona go bereka le baboledi ba ba farologaneng. Morago ga Segopotso, re boela kwa bathong ba ba ileng ba nna teng ba ba bontshitseng kgatlhego le go ba kgothaletsa go nna teng mo puong ya phatlhalatsa e e kgethegileng. A o tla tlhotlheletsega go dirisa ditshono tseno tse di oketsegileng tsa go nna mmulatsela yo o thusang?—Luke 6:45.