Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Baboledi le babulatsela ba ba direlang ka fa tlase ga kaelo ya lekala la Afrika Borwa ba ile ba dira ka natla mo kgweding ya October 2012. Botswana e ile ya bega babulatsela ba ba thusang ba le 84 ba ba ileng ba bontsha tlhoafalo e kgolo mo bodireding. Baboledi ba kwa Lesotho le bone ba tshwanelwa ke go akgolwa ka ntlha ya tiro ya bone e ba e dirileng mo bodireding jwa tshimo: ba begile palogare ya diura di le 11,8 e bile mmoledi a le mongwe o begile thuto ya Baebele e le nngwe. Re itumelela go lo itsise gore Namibia e begile tlhora e ntšha ya babulatsela ba ka metlha ba le 201. Tlhora eno ke ya bonè ka go tlhomagana ya babulatsela ba ka metlha kwa Namibia. Re a lo akgola bakaulengwe le bokgaitsadi, ruri lo nnile le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakor. 15:58.