Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka May
“Sengwe se re tshwanang ka sone ke gore rotlhe re dira diphoso. A o kile wa ipotsa gore a Modimo a ka kgona go itshwarela le e leng ditiro tse di bosula thata tse di dirwang?” [Mo letle gore a arabe.] Mmontshe setlhogo se se mo tsebe 15 sa Tora ya Tebelo ya May 1 lo bo lo sekaseka tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha le go bala bobotlana temana e le nngwe ya tse di umakilweng. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boela kwa go ene gore lo sekaseke potso e e latelang.
Tora ya Tebelo May 1
“Re rata go utlwa maikutlo a gago ka se se buiwang fano. [Bala 1 Johane 4:8.] Batho ba le bantsi ba dumalana le mafoko ano mme ba bangwe ba akanya gore Modimo o tshwanetse a bo a le setlhogo ka go bo a baka kgotsa a letlelela masetlapelo a tlholego. O akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa mabaka a a utlwalang a go bo re sa tshwanela gore re re Modimo o setlhogo.”
Tsogang! May
“Re etela baagelani ba rona go tlotla le bone ka bothata jo bo ngomolang pelo—bokebekwa. Bangwe ba akanya gore selo se se ka thusang go laola bokebekwa ke go oketsa mapodisi. O akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] A o ne o itse gore Baebele e solofetsa gore bokebekwa bo tla fedisiwa? [Bala Pesalema 37:10, 11.] Makasine ono o tlotla ka tsholofetso eno e bile o tlhalosa dikgato dingwe tse di ka thusang tse re tshwanetseng go di tsaya go itshireletsa mo bokebekweng.”