Thulaganyo ya Beke ya May 6
BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 6
Pina 26 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 9 ¶1-7 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Johane 1-4 (10 mets.)
No. 1: Johane 3:22-36 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Tota go ‘Tsamaya ka Moya’ go Kaya Eng?—Bagal. 5:16 (5 mets.)
No. 3: Loso Lwa ga Jesu Keresete Lo ne Lo Farologane Jang le Lwa ba Bangwe ba ba Neng ba Nna Baswela-Tumelo?—rs ts. 392 ¶1-4 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka May. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 kgotsa e le 60 go bontsha kafa dimakasine di ka ngokang kgatlhego ka teng mo tshimong ya lona. Go tswa foo, o dirisa motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e ka tsosang kgatlhego o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka makasine wa Tsogang! mme fa nako e letla dira jalo le ka setlhogo se sengwe gape go tswa mo go nngwe ya dimakasine tseno. Rulaganya gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Fa Jehofa a sa Age Ntlo, Baagi ba Yone ba Diretse Lefela ka Natla mo go Yone. (Pes. 127:1) Motlotlo o o theilweng mo go Buka ya Ngwaga ya 2013, tsebe 149, serapa 1 go ya go tsebe 151, serapa 1. Kopa bareetsi go akgela ka se ba se ithutileng.
Pina 47 le Thapelo