Thulaganyo ya Beke ya April 15
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 15
Pina 6 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 8 ¶1-7 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Luke 13-17 (10 mets.)
No. 1: Luke 16:16-31 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: A Bosaitekanelang Jwa Rona bo Bolela Gore ga re Botlhokwa mo Modimong?—Pes. 103:8, 9, 14; Bagal. 6:9 (5 mets.)
No. 3: A Batho Botlhe ke Bana ba Modimo?—rs ts. 161 ¶2–ts. 162 ¶1 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Lebokoso la Dipotso. Motlotlo.
10 mets: Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Gago—Karolo 2. Puo e e theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe, tsebe 112, serapa 3 go ya go tsebe 114 serapa 1. Botsolotsa mmulatsela a le mongwe kgotsa ba le babedi malebana le kafa ba ileng ba dira diphetogo ka teng gore ba kgone go bulatsela.
10 mets: A o Neela Bosupi Kwa Tirong? Motlotlo o o theilweng mo dipotsong tse di latelang. (1) Ke ka ntlha yang fa go le molemo gore batho ba o berekang le bone ba itse gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? (2) O ka dira jang gore ba itse? (3) Ke maemo afe kwa tirong a a dirang gore o kgone go neela bosupi? (4) Ke ka ntlha yang fa go le molemo gore fa go kgonega o nne le Baebele le dikgatiso dingwe kwa lefelong le o berekang kwa go lone? (5) Ke ka ntlha yang fa go le molemo go tila go neela bosupi nako e telele ka nako ya tiro? (6) Ke maitemogelo afe a a molemo a o nnileng le one ka ntlha ya go neela bosupi kwa tirong?
Pina 45 le Thapelo