Thulaganyo ya Beke ya April 8
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 8
Pina 123 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 7 ¶14-20 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Luke 10-12 (10 mets.)
No. 1: Luke 12:1-21 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ke Eng se se Dirang Gore Go bo Go Na le Dipopego Tse di Farologaneng Tsa Ditso?—rs ts. 160 ¶1-2 (5 mets.)
No. 3: Lebaka La go Bo re Leba Jehofa e le Rraarona—Math. 6:9 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: O ka Kgona go Kgothatsa ba Bangwe. (Bar. 1:11, 12) Motlotlo ka molebedi wa tirelo. Umaka palo ya babulatsela ba ka metlha mo phuthegong. Tlhalosa ditsela dingwe tse re ka ba kgothatsang ka tsone, tse di jaaka go ba akgola, go bereka le bone mo bodireding, go ba thusa ka ditshenyegelo tsa dipalangwa kgotsa go ba laletsa go ja le bone. Kopa babulatsela gore ba tlhalose kafa ba bangwe ba ileng ba ba kgothatsa ka teng. Fa go se na babulatsela ba ka metlha mo phuthegong, fetola motlotlo ono gore e nne wa go buisana le babulatsela ba ba thusang.
10 mets: Araba Dipotso Tse Di ka Ga Metlha ya Bofelo. Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 281 serapa 1 go ya go tsebe 282 serapa 1. Rulaganya gore go dirwe pontsho e khutshwane ya kakantsho e le nngwe.
10 mets: “Tsayang Baporofeti e le Sekao—Jona.” Dipotso le dikarabo.
Pina 13 le Thapelo