Thulaganyo ya Beke ya November 5
BEKE E E SIMOLOLANG KA NOVEMBER 5
Pina 115 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 1 ¶1-7 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Joele 1-3 (10 mets.)
No. 1: Joele 2:17-27 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Re ka Dirisa Diane 22:3 Jang ka Ditsela Tse di Mosola? (5 mets.)
No. 3: Re ka Bontsha Thulaganyo ya ga Jehofa Tlotlo Jang?—rs ts. 402 ¶1-5 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Basadi ba ba Bolelang Dikgang Tse di Molemo ke Lesomo le Legolo. (Pes. 68:11) Motlotlo o o theilweng mo go 2012 Yearbook, tsebe 117, serapa 2 go ya go tsebe 118, serapa 2; le tsebe 130, serapa 1 go ya go tsebe 131, serapa 2. Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ithutileng.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka November. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 go bontsha kafa dimakasine di ka ngokang kgatlhego ka teng mo tshimong ya lona. Go tswa foo, o dirisa motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e tsosang kgatlhego mme o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tsogang! mme fa nako e letla dira jalo le ka setlhogo se sengwe gape go tswa mo go nngwe ya dimakasine tseno. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
Pina 105 le Thapelo