Thulaganyo ya Beke ya August 6
BEKE E E SIMOLOLANG KA AUGUST 6
Pina 60 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 24 ¶16-21 (25 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Esekiele 24-27 (10 mets.)
No. 1: Esekiele 24:15-27 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ke Mabaka Afe a a Neng a Dira Gore Modimo a Dumelele Baiseraele go Tsenelela mo Tlhabanong?—rs ts. 105 ¶5–ts. 107 ¶2 (5 mets.)
No. 3: A Esekiele 18:20 e Ganetsana le Ekesodo 20:5? (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso.
20 mets: Jehofa ke Moutlwi wa Thapelo. (Pes. 66:19) Motlotlo o o theilweng mo 2012 Yearbook, tsebe 59, serapa 1-4; tsebe 183, serapa 2; tsebe 186, serapa 4; le tsebe 198, serapa 1, go fitlha go tsebe 199, serapa 1. Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba ithutileng sone.
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka August. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 o bontsha lebaka la go bo dimakasine di tla ngokang batho ka teng mo tshimong ya lona. Go tswa foo, o dirisa motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e tsosang kgatlhego mme o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tsogang! mme fa nako e letla, dira jalo le ka setlhogo se sengwe gape go tswa mo go nngwe ya dimakasine tseno. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
Pina 97 le Thapelo