Lebantsha go Itaya ga Gago ka Botlhale
1. Bakorintha wa ntlha 9:26 e dira jang mo bodireding?
1 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege; tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke gore ke se ka ka itaya phefo.” (1 Bakor. 9:26) Paulo o ne a bua ka go tlhoma mogopolo ga gagwe mo go lateleleng mekgele ya go direla Jehofa ka tsela e e botoka. Le fa go ntse jalo, tota e bile mafoko ao a ka dirisiwa gape le mo bodireding. Re batla go lebantsha go “itaya” ga rona kgotsa maiteko a rona ka botlhale gore re fitlhelele go le gontsi go go molemo. Jang?
2. Re ka etsa Paulo le bareri ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga jang fa re tlhopha gore re tla rera leng le gore re tla rera kae?
2 Yang Kwa Batho ba Leng Gone: Paulo le bareri ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rera kwa ba neng ba lebeletse go fitlhela batho gone. (Dit. 5:42; 16:13; 17:17) Ka jalo, fa e le gore batho ba le bantsi mo tshimong ya rona ba kwa gae mo maitsiboeng, nako eno e ka nna e e molemo ya go dira tiro ya ntlo le ntlo. A boemelo jwa dibese kgotsa seteishene sa terena sa mo lefelong la lona se a tlhanasela ka mo mosong thata le mo maitsiboeng fa batho ba ya tirong kgotsa ba boela gae? Ke leng mafelo a marekisetso a mo tshimong ya lona a tlalang ka batho? Go neela bosupi mo mmileng go ka nna le matswela thata ka dinako tseno.
3. Ke jang re ka lebantshang go itaya ga rona ka botlhale mo tseleng e re berekang tshimo ya rona ka yone?
3 Berekang Tshimo ka Botlhale: Gape re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re lebantsha go itaya ga rona ka botlhale mo tseleng e re berekang tshimo ya rona ka yone. Ka sekai, go na le gore re tseye setlhopha se segolo gore se ye go bereka kwa lefelong le le lengwe, mo go tla tlhokang nako e ntsi le matsapa a magolo go se boloka se rulagane le gore se nne se tshwaregile, go ka nna botoka gore re se kgaoganye. Ka tsela e e tshwanang, fa re bereka tshimo ya metseselegae, re tla fetsa tshimo ka bonako e bile re tla nna le ditshono tse di oketsegileng tsa go bua le batho fa ditlhopha tsa dikoloi di se dikgolo thata. A re ka kgona go ikopela tshimo e e gaufi le magae a rona, mo go tla fokotsang nako e re tla e fetsang re le mo tseleng ya go ya kwa tshimong?
4. Ke eng se se tla re thusang go nna “batshwari ba batho” ba ba atlegileng?
4 Jesu o ne a tshwantsha bareri le “batshwari ba batho.” (Mar. 1:17) Maitlhomo a motshwaraditlhapi ga se fela go latlhela letlowa mo metsing mme ke go tshwara ditlhapi. Ka jalo, batshwaraditlhapi ba ba atlegileng ba ya kwa lefelong le ba lebeletseng go tshwara ditlhapi kwa go lone e bile ba ya ka nako e e tshwanetseng mme ba simolola go tshwara ditlhapi kwantle ga go senya nako. Ee, ba lebantsha maiteko a bone ka botlhale. E kete le rona re ka dira ka natla jalo mo bodireding jwa rona.—Baheb. 6:11.