Thulaganyo ya Beke ya December 20
BEKE E E SIMOLOLANG KA DECEMBER 20
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 20-24
No. 1: 2 Ditiragalo 20:1-12
No. 2: Go Ithuta le go Bua Puo e e Itshekileng go Akaretsa Eng? (Sefa. 3:9)
No. 3: A Jesu Keresete E ne E le Motho wa Mmatota? (rs ts. 197 ¶1-4)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso.
15 mets: A o Kile wa di Leka? Motlotlo. Ka tsela ya go neela puo, boeletsa ka bokhutshwane tshedimosetso e e tswang mo ditlhogong tseno tsa bosheng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi: “A o Kile wa Bontsha Kafa Thuto e Tshwarwang ka Teng mo Loetong Lwa Ntlha?” le “Tsela ya go Thapisa Ba ba Sa Tswang go Nna Baboledi go Rera” (km 5/10) le “O ka Kgona go Rera Le fa O se Mo Bodireding!” (km 8/10). Kopa bareetsi gore ba akgele kafa ba ileng ba leka go dirisa dikakantsho tse di mo ditlhogong tseno ka teng le gore ba ile ba solegelwa molemo jang.
15 mets: “Setlhogo se Sesha sa go Simolola Dithuto Tsa Baebele.” Dipotso le dikarabo. Pele ga o simolola motlotlo, abela baboledi ba ba sa tlang ka dikhopi tsa bone tsa kgatiso ya Tora ya Tebelo ya January 1, 2011 dikhopi. Konela ka gore go dirwe pontsho e le nngwe kgotsa di le pedi tse di bontshang kafa re ka simololang thuto ya Baebele ka gone re dirisa setlhogo se se reng “Ithute mo Lefokong la Modimo—Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Ithuta mo Modimong?”