Thulaganyo ya Beke ya December 13
BEKE E E SIMOLOLANG KA DECEMBER 13
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cf kgao. 14 ¶17-21, lebokoso le le mo ts. 149
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 15-19
No. 1: 2 Ditiragalo 15:8-19
No. 2: Fa Mongwe a re: “Bakeresete ba Tshwanetse go Nna Basupi ba ga Jesu, e Seng ba ga Jehofa” (rs ts. 61 ¶4)
No. 3: Re ka Bontsha Jang Seriti fa re Obamela Jehofa?
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso. Kgothaletsa botlhe go tla le kgatiso ya Tora ya Tebelo ya January 1, 2011, mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang.
15 mets: Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2011. Puo e e neelwang ke molebedi wa sekolo. Tlotla ka dintlha tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko go tswa mo thulaganyong ya 2011. Tlotla ka maikarabelo a mogakolodi yo o thusang. Kgothaletsa botlhe gore ba dire dikabelo tsa bone ka botlalo fa ba nna le seabe ka nako ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le fa ba dirisa dikakantsho tse di neelwang beke le beke go tswa mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi.
15 mets: “E Dirise ka Metlha.” Dipotso le Dikarabo. Dira gore go dirwe pontsho ka kakantsho e le nngwe kgotsa di pedi.