LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/10 ts. 7
  • A o Kile wa Dirisa Tsebe E e Ka fa Morago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Kile wa Dirisa Tsebe E e Ka fa Morago?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Baakanyetsang go Buelela Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Tsamaisa Buka ya Baebele e Ruta Eng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Baakanyetsa Puisano ya Gago ya Makasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 8/10 ts. 7

A o Kile wa Dirisa Tsebe E e Ka fa Morago?

Fa batho ba tsaya makasine, gantsi ba leba tsebe e e ka fa pele mme ka bonako ba bo ba leba le e e ka fa morago. Tsebe e e ka fa morago ya makasine wa Tora ya Tebelo wa batho botlhe e na le dipotso le dintlha di le mmalwa tse di tsosang kgatlhego le dinomoro tsa ditsebe tse di bontshang gore motho a ka bona kae tshedimosetso eo.

Re ka dirisa tsebe eno go bona dikakantsho tse di molemo tsa dipotso tse di ka re thusang go simolola motlotlo. Fa re bereka tshimo kgapetsakgapetsa, re ka fetofetola dipuisano tsa rona ka go dirisa dipotso tse di farologaneng mo kgweding yotlhe. Fa mong wa ntlo a tshwaregile, re ka nna ra khutshwafatsa puisano ya rona ka go mmontsha nngwe ya dipotso tse di ka fa morago mme re bo re re: “Fa o rata go bona karabo, nka go tlogelela dimakasine tseno mme re tla bua mo go oketsegileng fa o na le nako.” Baboledi bangwe ba ka nna ba rata go simolola motlotlo ka go bontsha mong wa ntlo tsebe e e ka fa morago mme ba bo ba mo kopa gore a tlhophe potso e e mo kgatlhang. Go tswa foo ba ka nna ba mmontsha gore a ka bona kae karabo mme ba bo ba bala temana e ba e tlhophileng e sa le gale. Gongwe o ka akanya ka ditsela tse dingwe tse o ka dirisang tsebe e e ka fa morago go dira gore batho ba kgatlhegele Tora ya Tebelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela