Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka August 30, 2010. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya July 5 go ya go August 30, 2010.
1. Go tlhatlhanya ka thapelo ya ga Solomone ya fa a ne a neela tempele go ka re thusa jang gore re anaanele botho jwa ga Jehofa? (1 Dikg. 8:22-53) [w05 7/1 ts. 30 ser. 3; it-2-E ts. 989 ser. 4]
2. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Dafide o ne a tsamaya le Jehofa “ka bothokgami jwa pelo” le fa a ne a na le diphoso tse dintsi? (1 Dikg. 9:4) [w97 5/1 ts. 5 dir. 1-2]
3. Ke ka ntlha yang fa kgosigadi ya Sheba a ne a re malebana le Solomone: “Go itumela batlhanka bano ba gago ba ba emang fa pele ga gago ka metlha, ba reetsa botlhale jwa gago!”? (1 Dikg. 10:4-8) [w99 11/1 ts. 20 dir. 5-7]
4. Re ka swetsa ka goreng mo ntlheng ya gore Jehofa o ne a laela gore Abija a fitlhwe ka phitlho e e tlotlegang? (1 Dikg. 14:13) [cl ts. 244 ser. 11]
5. Ke eng se se neng se le botlhokwa ka nako ya fa Elija a ne a etetse Ahabe ka lekgetlo la ntlha? (1 Dikg. 17:1) [w08 4/1 ts. 19, lebokoso]
6. Elija o ne a kaya eng fa a ne a re “go okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi”? (1 Dikg. 18:21) [w08 1/1 ts. 19 dir. 3-4]
7. Jaaka go bontshitswe mo kgannyeng ya ga Elija, Jehofa o dirisetsa maatla a gagwe go diragatsa maikaelelo afe malebana le batlhanka ba gagwe? (1 Dikg. 19:1-12) [cl ts. 42-43 dir. 15-16]
8. Ke ka ntlha yang fa Nabothe a ne a gana go rekisetsa Ahabe tshimo ya gagwe ya mofine, mme re ka ithuta thuto efe go tswa mo tiragalong eo? (1 Dikg. 21:3) [w97 8/1 ts. 13 dir. 18-20]
9. Ke ka tsela efe e mosadi wa kwa Shunema a neng a “ipitlagantse” mo boemong jwa ga Elisha? (2 Dikg. 4:13) [w97 10/1 ts. 30 dir. 6-8]
10. Ke ka ntlha yang fa Elisha a ile a se ka a amogela mpho ya ga Naamane? (2 Dikg. 5:15, 16) [w05 8/1 ts. 9 ser. 2]