“Dijo ka Nako e e Tshwanetseng”
1. Thulaganyo ya bosheng ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e thusitse jang wena le ba bangwe?
1 Gantsi fa re tswa kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, re a tle re re “Tota ke sone se re neng re se tlhoka!” Molebedi mongwe wa potologo o ne a bega gore morago ga gore bangwe mo potologong ya gagwe ba reetse thulaganyo ya bosheng ya kopano, ba ne ba bolela gore ba eletsa go oketsa seabe sa bone mo bodireding. Molebedi mongwe yo o etang o ne a re: “E re thusitse go akanya ka kelotlhoko gore re fa kae mo nakong e re tshelang mo go yone fa re ntse re sekaseka dilo tse re di tlhophang mo botshelong.” Yo mongwe o ne a re: “Baboledi ba le mmalwa ba ne ba tlhalosa gore e ne e le kgakololo e e ba tlhagisang gore ba tlhomamise gore a ba tlhomile mogopolo mo go se se botlhokwa thata, e leng bodiredi.” Wena kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e go thusitse jang?
2. Go tla tlotliwa ka eng mo thulaganyong ya ngwaga o o tlang wa tirelo?
2 Thulaganyo ya ngwaga o o tlang wa tirelo, le yone e tla bo e le se tota re se tlhokang. Setlhogo sa yone se se tserweng mo go Pesalema 118:8, 9 sa re, “Tshabela mo go Jehofa.” Tseno ke dingwe tsa ditlhogo tse go tla tlotliwang ka tsone: “Kafa Jehofa e Leng Kago e e Thata ka Teng mo Dinakong Tsa Matshwenyego,” “Thusa ba Bangwe go Tshabela Kafa Tlase ga Diphuka Tsa ga Jehofa,” “Etsa Jehofa ka go Nna Botshabelo,” “Basha, Ikanyeng Jehofa!” le “Paradaise ya Rona ya Semoya—Thulaganyo e Jehofa a re Sireletsang ka Yone.”
3. Go nna gone kwa kopanong go ka re solegela molemo jang ka botlalo?
3 Go Solegelwa Molemo: Fa go sena go itsisiwe letlha la kopano, dira dithulaganyo tse di tlhomameng gore o nne teng mme o laletse le batho ba o ithutang Baebele le bone. E le gore re “ungwe maungo ka boitshoko,” re tshwanetse go dirisa se re se utlwang. (Luke 8:15) Ka jalo, reetsa thulaganyo eno ka kelotlhoko, o kwale dintlha tsa botlhokwa le dikgakololo tse o ikaeletseng go di dirisa mo botshelong le mo bodireding jwa gago. Morago ga kopano, ipheng nako lo le lelapa go tlotla ka thulaganyo mme lo sekaseke ditsela tse di maleba tse wena le ba lelapa la gago lo ka dirisang tshedimosetso eo ka tsone.
4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela pele go nna gone kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e e tlang?
4 Fela jaaka dijo tse di monate le tse di nonotshang mmele, kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya monongwaga, e rulagantswe ka lorato lo logolo le ka tsela e e akanyeditsweng sentle. E kete Jehofa a ka segofatsa maiteko a o a dirang gore o nne gone le gore o solegelwe molemo ke ‘dijo tseno tse di tlileng ka nako e e tshwanetseng’ go nonotsha badiredi ba Bakeresete semoyeng.—Math. 24:45.