Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Ka January 2010 Swaziland e begile tlhora ya baboledi ba le 2 762, e leng tlhora e ntšha ya bobedi mo ngwageng ono wa tirelo. Ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 3 685, se se rayang gore mmoledi mongwe le mongwe o tshwara thuto e le nngwe kgotsa go feta. Setlhaketlhake se sennye sa St. Helena, se se kwa Borwa jwa Lewatle la Atlantic, se se nang le diphuthego di le tharo fela, se begile baboledi ba le 112. Baboledi bano ba neela bosupi ka tlhagafalo mo baaging ba palo e nnye e e ka tshwarang 4 000.