Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka June: Totatota Baebele e Ruta Eng? Fa e le gore beng ba matlo ba setse ba na le buka eno, baboledi ba ka tsamaisa kgatiso epe fela e e tsamaisiwang mo tshimong e e leng teng mo setokong sa phuthego. July le August: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? kgotsa boroutšhara bope jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo leng teng mo setokong sa phuthego. Diphuthego tse di nang le boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? di ka bo tsamaisa. September: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka go simolola dithuto tsa Baebele mo loetong lwa ntlha.
◼ Dibidio tse di nang le ditlhogo tse di reng The Bible—Its Power in Your Life le The Bible—Accurate History, Reliable Prophecy di tla sekasekiwa mo Dipokanong tsa Tirelo go simologa ka September. Fa lo tlhoka bidio eno ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy—On DVD, e e nang le ditlhogo tseno, lo ka e otara ka phuthego ka bonako jo bo ka kgonegang.
◼ Diphuthego di le nnè di itumeletse go neelwa ga Diholo tsa tsone tsa Bogosi tse disha: Emkhwakhweni (gaufi le Pongola), Lebowakgomo East (borwa jwa Polokwane), Machibini (gaufi le Mtubatuba), le Makhonyeni (gaufi le Jozini).