Thulaganyo ya Beke ya May 31
BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 31
Pina 114 (180)
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 2 Samuele 16-18
No. 1: 2 Samuele 17:1-13
No. 2: Lebaka La go Bo Jesu a Bidiwa “Morena wa Sabata” (Math. 12:8)
No. 3: A re Tshwanetse go Tlotlomatsa “Baitshepi” e le Babueledi ba Rona mo Modimong? (rs ts. 155 ¶4-9)
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 35 (81)
5 mets: Dikitsiso.
10 mets: “A o Kile wa Bontsha Kafa Thuto e Tshwarwang ka Teng mo Loetong Lwa Ntlha?” Puo. Fa o sena go tlhalosa kakantsho e e mo setlhogong, dira gore go dirwe pontsho ka yone.
20 mets: “Tsela ya go Thapisa Ba ba Sa Tswang go Nna Baboledi go Rera.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Fa lo sena go sekaseka serapa 5, dira gore go dirwe pontsho e mo go yone mogolwane a berekang le motho yo o sa tswang go nna mmoledi. Motho yono yo o sa tswang go nna mmoledi o neela puisano ya gagwe mme ga a leke go bala temana. Fa ba sena go tswa mo ntlong, mogolwane o neela kakantsho ka botlhale le ka tsela e e bonolo, a kgothatsa mmoledi yono gore a dirise Baebele fa a bua mo matlong.
Pina 22 (77)