Batlang ba ba Tshwanetseng
1. Re bontsha jang gore re anaanela tshiamelo ya go dira mo bodireding?
1 Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a dira maiteko a magolo go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo tse di gomotsang. (Isa. 61:1, 2) Jaaka baemedi le barongwa ba ba emelang Keresete, gompieno re na le tshiamelo e re e anaanelang ya go mo etsa mo tirong ya rona e re e dirang re sa lape re batla ba ba tshwanetseng mo tshimong ya rona.—Math. 10:11; 2 Bakor. 5:20.
2. Go fetofetoga ga ga Paulo go ne ga bonala jang mme go ne ga nna le matswela afe?
2 Fetofetoga le Maemo: Moaposetoloi Paulo o ne a tlwaetse go ya pele kwa disinagogeng go ya go rerela Bajuda le basokologi. (Dit. 14:1) Kwa Filipi, ene le Silase ba ne ba ya go batla batho kwa ‘ba neng ba akanya gore ke lefelo la thapelo gone.’ Ba ne ba simolola go rerela setlhopha sa basadi mme mongwe wa bone e bong Lidia, o ne a amogela boammaaruri ka bonako.—Dit. 16:12-15.
3. Ke ditshono dife tsa tirelo tse re ka nnang le tsone mo godimo ga tiro ya rona ya ntlo le ntlo?
3 Mo godimo ga tshimo ya lona ya ntlo le ntlo, a o ka kgona go rerela le batho ba o kopanang le bone mo mafelong a go letelwang dipalangwa gone, diparaka, diofisi tse batho ba berekang mo go tsone, mo dikhoneng tsa ditsela tse go tletseng batho mo go tsone, mafelo a dikgwebo le mo mabenkeleng a a mo tshimong ya lona? Gongwe o ka rerela batho ba ba nnang mo mafelong a a nang le diheke tse di nnang di tswetswe le mo difoleteng tse batho ba sa letlelelwang go tsena mo go tsone ka go dirisa makwalo kgotsa founo. Fa o le kelotlhoko e bile o fetofetoga go ya ka maemo a a farologaneng mo tshimong ya lona, go tla dira gore o nne “le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakor. 15:58.
4. Ke eng se sengwe se re ka se dirang fa e le gore tshimo ya phuthego ya rona e nnye?
4 Baboledi ba le bantsi ba ile ba nna le tshono ya go oketsa bodiredi jwa bone ka go fudugela kwa phuthegong e nngwe e ka tswa e le mo nageng ya bone kgotsa kwa moseja. Ba bangwe ba ile ba ithuta puo e ntšha gore ba tle ba rerele batho ba ba tswang kwa dinageng di sele.
5. Re tshwanetse go leba jang dinako tse re tshelang mo go tsone mme re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
5 Rotlhe re tshwanetse go gakologelwa gore “tshimo ke lefatshe.” (Math. 9:37; 13:38) E re ka bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo bo atametse, mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya ka masisi ka seemo sa gagwe, ditalente tsa gagwe, ditshono tsa gagwe le ditsela tse a ka kgonang go oketsa bodiredi jwa gagwe ka tsone. Jehofa o re tlhomamisetsa gore fa re baya dilo tse di direlwang Bogosi pele, o tla segofatsa maiteko a re a dirang go tswa pelong a go oketsa bodiredi jwa rona.—Math. 6:33.