Dirisa Baebele ka Botswerere
1. Ke ka ntlha yang fa Baebele e le mosola jaana?
1 Go dirisa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka botswerere go dira gore re bolele le go ruta boammaaruri ka tsela e e utlwalang le go senola dithuto tsa maaka le dingwao tsa batho.—2 Tim. 2:15; 1 Pet. 3:15.
2. Ke eng se se tla re thusang gore re bone ditemana ka botswerere jo bogolwane?
2 E Itse Botoka: Jaaka go ntse ka thulusu epe fela, o nna le botswerere jwa go e dirisa fa o e itse botoka. Fa o bala Baebele go tswa kwa tshimologong go ya kwa bofelong go dira gore o tlhaloganye setlhogo sa yone sentle. Mme gape seno se go thusa gore o gakologelwe ditemana le go di bona motlhofo le go feta. Fa go itse Dikwalo botoka ga gago go oketsega, o tla bua ka tlhoafalo e kgolwane le ka go tlhatswega pelo go gogolo fa o rerela ba bangwe fa o se mo bodireding jwa tshimo le fa o le mo go jone.—1 Bathes. 1:5.
3, 4. (a) Ke ditsela dingwe dife tse re ka di dirisang gore re itse Baebele botoka? (b) A o kile wa dirisa ditsela tse dingwe go itse Dikwalo botoka?
3 Itlwaetse go bula Baebele ya gago le go leba mo go yone ka nako ya dipokano tsa phuthego. Fa o ithuta o le nosi le fa o baakanyetsa dipokano tsa phuthego, leba ditemana tse di umakilweng mme o tlhatlhanye ka kafa o ka di dirisang ka teng. Ba le bantsi ba fitlhela gore go bala ditemana tsa Baebele ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng go na le go di bala mo khomputareng kgotsa mo dipampiring tse di gatisitsweng go dira gore go nne motlhofo gore ba di bone moragonyana fa ba di tlhoka mo bodireding.—Joh. 14:26.
4 Malapa mangwe a ile a rulaganya gore ba nne le nako ya go ithuta ditemana tsa Baebele ka tlhogo. Seno se ka dirwa ka go dirisa dikaratanyana tse di kwadilweng mafoko a temana kafa letlhakoreng le lengwe mme kafa letlhakoreng le lengwe go na le temana ka boyone. Ba refosana ka go dirisa dikaratanyana tseno go bona gore a ba ka kgona go nopola temana kgotsa go gakologelwa gore ba ka e bona kae. Go ikatisetsa puisano ya tshimo le kafa re ka arabang kganetsano kgotsa potso ka teng re dirisa Baebele le gone go oketsa botswerere jwa rona.
5. Ke ka ntlha yang fa re batla go oketsa botswerere jwa rona ka Baebele?
5 Ga go na buka epe e nngwe e e leng botlhokwa jaaka Baebele. E na le mekwalo e e leng yone fela e e ka kgonang go ‘tlhalefisa batho gore ba bone poloko.’ (2 Tim. 3:15) E re ka bontsi jwa batho ba ba mo tshimong ya rona ba sa itse matlotlo a a leng mo Baebeleng, re na le mabaka a a utlwalang a gore re oketse bokgoni jwa rona go ba bontsha se Baebele tota e ba tshwaretseng sone.—Dia. 2:1-5.