Ruta Ka Botswerere le Ka Tlhoafalo
“Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . Lo ba rute go tlhōkōmela dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”—MATHAIO 28:19, 20.
1. Ke eng se se kgothalediwang ke Diane 22:29, mme jang jalo?
LEFOKO LA GA JEHOFA le kgothaletsa botswerere le bonatla. Ka motlhala, le tlhalosa jaana: “A u bōna monna eo o bobèbè [botswerere] mo tihoñ ea gagwè? èna o tla èma ha pele ga dikgosi; ga a ketla a èma ha pele ga batho ba ba sa itsegeñ.” (Diane 22:29) Legale, ga se go ikisa kwa tlase go direla “batho ba ba sa itsegeñ.” Mme tiro e e molerno ya modiri yo o setswerere ga e ketla e fitlhega. Aitsane, botswerere jwa gagwe bo tla bo bo utlwalelwe ke kgosi, yo o ka batlang gore a tle go mo direla!
2. (a) Go tokafatsa botswerere mo tirong nngwe le nngwe, ke eng se se tlhokafalang? (b) Ke ka ntlha yang fa botswelelo jwa modihedi wa Mokeresete jaaka morutisi bo le botlhokwa?
2 Kitso le botswerere di a tlhokega mo tirong nngwe le nngwe ya thutego. Monna o ka nna a ithuta go betla mme gape o ka ithuta mo gontsi ka go elatlhoko bao ba leng ditswerere mo tirong eo ya diatla. Mme gore a nne setswerere ka boene, o tshwanetse go dirisa kitso e e bapetsweng eo mo tirong. Ngaka e tshwanetse go rutega. Mme gore a nne mokgoni, o tshwanetse go dirisa kitso ya gagwe mo ntlwaneng ya karo. Mme mo thutegong eo botswerere bo tlhokafala thata, go nne gantsi bokgoni, bo ka raya loso le botshelo mo molwetsing. Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa thata ke go nna maatlametlo jaaka modihedi. Ka ntlha yang? Gonne botswelelo jwa modihedi jaaka morutisi bo ka ama tsela eo batho ba arabelang mafoko a a molemo ka yone. Ka ntlha ya se, karabelo e ka raya botshelo jo bo sa khutleng go bone kana loso lwa bosaeng-kae.—Duteronome 30:19, 20; Yohane 17:3.
3. Go dira barutwa go tlhoka eng?
3 Thomo eo Jesu Keresete a e neileng balatedi ba gagwe e kopanyeletsa go ruta. O ne a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) Legale, botswerere bo a tlhokafala go ruta ba ba dipelo dintle dilo tsotlhe tse Jesu a di laotseng.
4. (a) Go ruta ka botswerere go tshwanetse ga dirwa ka boikutlo jo bo ntseng jang? (b) Apolose o ile a solegelwa molemo jang ke go bo a ne a na le Akwila le Peresila?
4 Thuto e e ntseng jalo e e botswerere e tshwanetse go dirwa ka tlhoafalo. Ee, Bakeresete ba tshwanetse ba ‘tlhoafalela ditiro tse di molemo,’ mme tseno eleruri di ka akareletsa go itsisiwe ga tao ya semoya mo bodiheding le mo phuthegong (Tito 2:14) Jaaka barutisi ba ba botswerere, Akwila le Peresila “ba mo itseèla [Apolose] kwa ga bōnè [kwa Efeso], me ba mo phuthololèla tsela ea Modimo ka kèlèlèlō bogolo.” Seno se ne sa solegela Apolose molemo fela thata, ka gonne e ne ya re moragonyana mo Akaia “a ganetsa Bayuda a ba sita thata, e bile e le mo pōnatshegoñ, a shupa ka dikwalō ha Yesu e le èna Keresete.” (Ditihō 18:24-28) Ka phepafalo, Apolose o ne a ruta ka botswerere le ka tlhoafalo.
‘O Bone Go Ruta ga Gago’
5. Go ya ka 1 Timotheo 4:16, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ruta ka botswerere le ka tlhoafalo?
5 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela molekane wa gagwe wa Mokeresete Timotheo a re: “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.” (1 Timotheo 4:16) Ereka poloka go morutisi le go morutwa e le kgang kgolo, ruri tao e e ntseng jalo e tshwanetse go neelwa ka botswerere le ka tlhoafalo.
6. O ka nna maatlametlo jang mo go phuthololeng Dikwalo, mme ke dipotso dife tse di tshwanelang tse di ka akanyediwang?
6 Babetli le dingaka eleruri ba tshwanetse go itlhokomela. Ba tshwanetse go kgona go dirisa didirisiwa tsa bone ka thelelo. Mme go ntse fela jalo le ka modihedi wa Mokeresete, yo sedirisiwa sa gagwe se segolo eleng ‘tšhaka ya moya, lefoko la Modimo.’ (Baefesia 6:17) O ka nna bothakga jang mo go diriseng Dikwalo? Ee, ke ka go di ithuta ka metlha yotlhe le go di dirisa. Jalo he, a o badile Bibela yotlhe, o iipha nako go tlhatlhanya ka kgakololo ya yone e e gaisang? A o e bala letsatsi le letsatsi? A o e dirisa ka metlha mo bodiheding jwa tshimo? Mme ebile a o sola molemo ka botlalo letlotlo la dijo tsa semoya tse di baakanyeditsweng ke Jehofa ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”?—Mathaio 24:45-47.
7. Ke dikgakololo dife tse di neelwang malebana le nako ya go ithuta, mme tlhokafalo ya go ithuta e ka bontshiwa jang ka Dikwalo?
7 Tlhomamisega go beela fa thoko nako ya go ithuta Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Bokeresete jwa boammaaruri Seno se tla tlatsa kgopolo ya gago ka boikitsiso jo bo phepa jo bo tla go solegelang molemo le jo bo ka dirisiwang go araba dipotso tse di molemo tsa batho. (1 Petere 3:15; Bakolosa 4:6) Dinako tsa go ithuta le go tlhatlhanya di farologana go ya ka malapa le batho ka bongwe. Bangwe ba ka bona go le botlhokwa go ithuta kwa bowelong jwa letsatsi. Bangwe ba ka nna le maikatlapelo fa ba tsoga. Mme bangwe bone ba ka bona motshegare wa sethoboloko o ba siametse thata. Legale, go nna wa ka metlha le bobebe ke mo go botlhokwa thata. Joshue le dikgosi tsa lseraele ba ne ba tshwanetse go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi.—Yoshue 1:7, 8; Duteronome 17:18-20.
Dira Gore O Nne Morutisi yo o Botoka
8. Tiriso ya go kopanya mo mogopolong e ka tokafatsa jang botswerere jwa gago jwa go ruta?
8 Tokafatso ya botswerere jwa go ruta e tlhoka gore go tsenngwe marapo mo dinameng. Tsela e nngwe ya go oketsa kgono ya gago jaaka morutisi ke go dirisa kakanyo yotlhe fa o ithuta Bibela kana dikgatiso tsa Bokeresete. Kgobokanya dintlha tse dintšha le tseo o setseng o di itse. Seno se tla go thusa go tsenya boikitsiso mo kgopolong ya gago gore o tle o kgone go tlhalosa dintlha sentle fa o ruta ba bangwe. Kwantle ga pelaelo, o ne wa kopanya megopolo fa o ne o ithuta mo nakong e e fetileng. Ka motlhala, ka nako nngwe gongwe o ne o sa lemoge gore Bakeresete ba tshwanetse go nna le kutlo e e tshwanetseng go “babusi ba bagolo” ba bogoromente. Mme jaanong o itse gore kutlo go Modimo e tshwanetse go tla pele. (Baroma 13:1-8; Mareko 12:17; Ditihō 5:29) O tlhaloganya seno ka gonne o ile wa kopanya dintlha tse disha le tse o setseng o di itse.
9. Kaya ka moo o ka tshwantshang mo mogopolong tiragalo nngwe e e kwadilweng mo Bibeleng.
9 Tsela e nngwe ya go oketsa kgono ya gago ya go ruta ke ka go tshwantsha mo mogopolong ditiragalo tse di kwadilweng mo Bibeleng. Ke eng o sa dire seo jaanong ka Baatlhodi 7:19-22? A le mo lefifing, Gideone le banna ba le 300 ba dikaganyetsa bothibelelo jwa Mediana koo masole a balebedi a neng a sa tswa go isiwa gone. Ka tshoganyetso, o utlwa mophato wa ga Gideone wa ba ba 100 o letsa dinaka tsa bone, mme o ba bona ba thuba dinkgwana tse dikgolo tsa metsi tse ba neng ba di tshotse. Baiseraele ba bangwe ba ba 200 ba dira se se tshwanang. Mme fa botlhe ba tsholetsa mabone a a tukang molelo; o ba utlwa ba goa ba re: “Chaka ea ga Yehofa le ea ga Gideona!” Jaaka fa Bamidiana ba ba mo letshogong ba simolola go tshaba, ditlhopha tse tharo tsa ga Gideone di tswelela ka go letsa dinaka tsa bone, mme o lemoga fa Jehofa a dirile gore baba ba ba tshabang ba kgemethane ka ditšhaka. Ka gonne o tshwantshitse tiragalo eno mo mogopolong, kwantle ga pelaelo o tla e gakologelwa sentle mme o tla kgona go e dirisa fa o ruta ba bangwe. Tota-tota, thuto e le nngwe e e e rutang ke gore Jehofa o ka golola batho ba gagwe kwa ntle ga bosole jo bo tiileng jwa motho.—Pesalema 94:14.
10. Mo go ruteng, o ka dirisa jang setshwantsho se se fitlhelwang go Baatlhodi 9:8-15?
10 Ditshwantsho tse di molemo, go akarelediwa le tse di mo Dikwalong, gape di ka godisa botswerere jwa gago jaaka morutisi. Jaaka ka sekai, akanyetsa Baatlhodi 9:8-15. Morwa wa ga Gideone Jothame o ne a bolela ka nako eo ditlhare di neng tsa ya go itloletsa mmusi wa tsone. Lemororo setlhare sa motlhware, setlhare sa mofeige, le mofine di ne tsa gana boemo jwa bobusi, mokaikai o o nyatsegang o ne wa bo amogela ka go rata. Ditlhatshana tse di botlhokwa di ne di emela batho ba ba molemo ba ba neng ba sa batle go nna dikgosi godimo ga Baiseraele ka bone. Lefa go ntse jalo, mokaikai, o tiro ya one eleng go gotsa molelo, o ne o emela bogosi jwa mmolai yo o boikgodiso, ebong Abimeleke, yo o neng a batla go gatelela batho mme a nna le phelelo e e maswe mo tiragatsong ya boperofeti jwa ga Jothame. (Baatlhodi 9:50-57) Setshwantsho seno se ka nna sa dirisediwa go gatelela tlhokafalo ya go dira se se molemo le go ikokobetsa, e seng go ikgodisa.—Pesalema 18:26, 27; 1 Petere 5:5.
11. (a) Ke dintlha dife tse di gatelelwang ke setshwantsho sa ga Jesu se se kwadilweng go Mathaio 13:45, 46? (b) Popego ya setshwantsho seo e akantsha eng kaga ditshwantsho tse di dirisiwang ke barutisi ba Bakeresete?
11 Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete, o itsege sentle ka ditshwantsho tsa gagwe tse di manontlhotlho. Ka sekai, akanyetsa mafoko a gagwe: “Bogosi yoa legodimo bo chwana le moreki eo o batlañ diperela tse dintlè: Me ea re a sena go bōna ñwe e e tlhwatlhwa e kgolo, a ea a bapatsa cotlhe tse o nañ nacō, a e rèka.” (Mathaio 13:45, 46) Ka gone Jesu o tshwantshitse botlhokwa jwa Bogosi le go bontsha gore motho yo o lemogang mosola o mogolo wa go bo iponela o tla ikemisetsa go kgaogana le sengwe le sengwe e le gore a tle a bo bone. Setshwantsho seo se ne se se matswakabele ka tsela epe, mme barutisi ba Bakeresete ba tla bo ba dira sentle go tshegetsa mokgwa oo mo mogopolong fa ba dirisa ditshwantsho jaaka thuso ya go ruta.
Dipokano Di Ka Oketsa Botswerere Jwa Rona
12. Go kopanela mo dipuong tsa phatlalatsa go ka go thusa jang go tokafatsa kgono ya gago ya go ruta?
12 Dipokano tsa Bokeresete di na le karolo e kgolo mo go direng batlhanka ba ga Jehofa barutisi ba ba ditswerere le ba ba tlhoafetseng. Jaaka Thero ya ga Jesu mo Thabeng e bontsha, dipuo tsa phatlalatsa ke tsela e e molemo ya go baakanyetsa ka tao ya semoya. (Mathaio 5:1–7:29) Ka gone, dipuo tsa phatlalatsa di gareng ga dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno. A o kopanela ka metlha? A o moreetsi yo o kelotlhoko? A o lebelela Bibela ya gago fa ditemana di balwa ke sebui? A ke tlwaelo ya gago go kwala dintlha? Tseno ke ditsela tsa go tokafatsa kgono ya gago jaaka morutisi, mme tao e e siameng ya Dikwalo e tshwanetse go oketsa botswerere jwa gago ga mmogo le tlhoafalo ya gago jaaka modira-barutwa.
13, 14. (a) Ke leng tiro ya go dira barutwa e neng ya bona tlhokomelo e e kgethegileng gareng ga batlhanka ba ga Jehofa? (b) Ke dipotso dife tseo di ka bodiwang malebana le Thuto ya Tora ya Tebelo le Thuto ya Buka ya Phuthego?
13 Tiro ya go dira barutwa e ne ya bona tlhokomelo e e kgethegileng gareng ga batlhanka ba ga Jehofa ka pitso e e neng e re ‘Itsiseng Kgosi le Bogosi,’ eo e neng ya bolelwa lantlha mo kopanong ya bone kwa Cedar Point, Ohio, ka 1922. E ntse e le mo ngwageng oo, ditlhopha tsa thuto tsa Tora ya Tebelo di ne tsa simololwa go tlhongwa. Lokwalo-paka leno eleruri le ile la baya thuto ya Bibela le thero ya Bogosi kwa pele, leina la yone e ntse e le Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa.’ A o mmadi yo o gagametseng wa Lefoko la Modimo ka Tora ya Tebelo jaaka thuso? A ka matlhagatlhaga o tsaya karolo mo Thutong ya beke le beke ya Tora ya Tebelo?
14 Thuto ya Buka ya beke le beke ya Phuthego gape e baakanyetsa ka dipaka tsa go tokafatsa kgono ya gago jaaka morutisi wa mafoko a a molemo. Fa o araba dipotso kwa dikokoanong tseno tse dipotlana, gammogo le kwa Thutong ya Tora ya Tebelo, a o tlhalosa dintlha ka mafoko a gago? A dikakgelo tsa gago di supa se o se dumelang mo pelong ya gago?
15. Boikaelelo jwa Pokano ya Tirelo ke eng, mme tsela ya go e tshwara e baakanyediwa jang?
15 Pele ga 1922, batlhanka ba ga Jehofa ka tlwaelo ba ne ba phuthegela Thapelo, Pako, le Pokano ya Tshupo mo gare ba beke. E ne e le nako ya go opela, go neelana ka ditshupo, le go tshwarega mo thapelong. Mme ka ntlha ya go gola ga tiisetso mo boboleding jwa Bogosi ka ntlo le ntlo, kokoano eno e ne ya nna Pokano ya Tirelo, eo e neng e otlelela tiro ya go rera. Se se neng se thusa go feta e ne e le Bulletin, eo e neng e na le ditao tsa tirelo ya tshimo le “dipuisano,” kana ditshupo, tse di neng di ka dirisiwa mo bodiheding. Gompieno, Tirelo ya Rona ya Bogosi e baakanyetsa ka thuso e e tshwanang, ga mmogo le ka tsela ya go tshwara “Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa” tsa beke le beke. A ka metlha o arola mo dipokanong tse di ntseng jalo? A o dirisa kgakololo e e rulaganyeditsweng go go thusa go ruta ka botswerere le ka tlhoafalo?
16. Jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya sone, boikaelelo jwa Sekolo sa Bolegodimo sa Tirelo ke eng?
16 Go atolosa go ruta ka botswerere, Sekolo sa Bolegodimo sa Tirelo se ne sa tlhongwa mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ka 1943. Malebana le boikaelelo jo bogolo jwa sekolo seno, buka ya sone ya ntlha ya kaelo e ne ya re: “Thuto eno ga e ya baakanyediwa go lo tseela nako e lo e senyang mo tirelong ya tshimo, mme e rulaganyeditswe go lo dira matsetseleko mo go yone. Fa go tlhalosiwa ka tlhamalalo, boikaelelo jwa ‘Thuto [eno] ya Bodihedi jwa Bolegodimo’ ke go siamisetsa ‘banna ba ba ikanyegang’ botlhe, bao ba utlwileng Lefoko ja Modimo le go supa tumelo ya bone mo go lone, go ‘kgona go ruta ba bangwe’ ka go ya le magae, ka go dira dipoelo (maeto a go boela), ka go tshwara dithuto tsa sekao le dithuto tsa buka, mme, ka bokhutshwane, ka go tshwarega mo letlhakoreng lengwe le lengwe la tirelo ya Bogosi. Ke gore kwa bofelong go dire gore mongwe le mongwe a nne modihedi yo o tsweletseng thata wa Bolegodimo go tlotla leina la Morena; gore a tle a itlhomelele sentle go itsise phatlalatsa tsholofelo e e mo go ene; gore a tle a nne ‘bothakga mo go ruteng, a laye ka bopelotelele le ka bonolo’. (2 Tim. 2:24, 25) A go se nne le ope yo o latlhegelwang ke pono ka boikaelelo jono jo bogolo jwa thuto e.” (Course in Theocratic Ministry, tsebe 4) Seno e ntse ke boikaelelo jo bo botlhokwa jwa Sekolo sa Bolegodimo sa Tirelo. A o ntse o dirisa boikitsiso jo bo molemo mo go ruteng, mo go baleng, mo go bueng phatlalatsa, le tse di tshwanang, tse di tlhagang mo dibukeng tsa thuto tsa sekolo seno?’a A o ikwadisitse mo go sone? A ka boitumelo o amogela o bo o diragatsa dikabelo tsa gago mo thulaganyong ya sekolo? Paakanyetso eno ya ga Jehofa ka phuthego ya gagwe e ka go thusa go go dira modihedi yo o setswerere le yo o tlhoafetseng
Thapiso ya go Ruta ka Tlhoafalo
17. Ke dipaakanyetso dife tsa semoya tseo Jehofa a di diretseng bao ba rutang ba bangwe boammaaruri jwa gagwe jo bo boitshepo?
17 Jehofa o dira letlotlo la dipaakanyetso tsa semoya go bao ba nang le tshiamelo ya go ruta ba bangwe boammaaruri jwa gagwe jo bo boitshepo. Gareng ga dilo tse dingwe, o baakanyetsa ka dikgatiso tsa Bibela, dipokano tsa beke le beke, le dikopano tse dikgolwane. Dipaakanyetso tse di ntseng jalo tse di molemo-lemo di kgonisa Basupi ba ba ineetseng ba gagwe go nna barutisi ba ba ditswerere le ba ba tlhoafetseng.
18. Malebana le dikai tsa ga Jesu le Paulo, bagolwane ba ka dira dithulaganyo dife go tsweletsa bodihedi jwa tshimo pele gompieno?
18 Mme gotweng fa re tlhophilwe jaaka bagolwane kana re le basupi ba ba nang le boitemogelo jo bo oketsegileng ba ga Jehofa? Jalo, lorato go ba bangwe le tshwanetse go re tlhotlheletsa go thusa Bakeresete ba basha le ba ba nang le boitemogelo jo bonnye go nna barutisi ba ba ditswerere le ba ba tlhoafetseng ka mo go oketsegileng Seno ruri se tshwanetse, gonne Jesu o ne a roma barutwa ba le 70 morago fela ga go ba neela ditaolo kaga bodihedi jwa bone. (Luke 10:1-24) Paulo o ne a ruta balebedi ba Efeso ‘mo ponong le ka ntlo le ntlo,’ mme seno se ne se tla kopanyeletsa go ba thapisetsa go neela bosupi mo go ba ba sa dumeleng fa ba ntse ba tsamaya mo magaeng mo bodiheding jwa tshimo. (Ditihō 20:20, 21) Ka mo go tshwanang, bagolwane, babulatsela, le ba bangwe ka boipelo ba ka thapisetsa Basupi ka bone bodihedi jwa tshimo gompieno. A o bona fa thapiso eo e tlhokafala? Jalo e batle ka natla mme o e amogele. A o mogolwane? Jalo dira dithulaganyo tsa go thapisa ba bangwe mo bodiheding fa wena ka bowena o tsaya ketelelo-pele mo bodiheding jwa tshimo ka tlhoafalo.
Tswelela ka go Godisa Botswerere
19. Ke eng fa re tshwanetse go rapelela bodihedi jwa rona?
19 Dingaka, babetli, le ba bangwe ba ka nna ditswerere thata fa ba tswelela ba ithuta le go dirisa kitso e e bapetsweng. Go boammaaruri le ka badihedi ba Bakeresete. Ka gone, abo go le botlhokwa jang ne gore mosupi mongwe le mongwe yo o ineetseng wa ga Jehofa a dire ka thata go oketsa botswerere jwa gagwe jaaka morutisi wa mafoko a a molemo! Mme ereka eno e le tiro ya ga Jehofa, e tshwanetse ya nna selo se re se rapelelang ka bojotlhe jwa rona. Fa re batla thuso ya Modimo le kaelo, re ka ikanya gore o tla segofatsa bodihedi jwa rona jo bo tlhoafetseng. Jaaka moaposetoloi Johane a buile: “Me leha e le eñ se re se lōpañ hèla, re se amogèla mo go ōna [Jehofa Modimo] ka re bolokile ditaolō tsa ōna, re bile re diha dilō tse di kgatlhañ mo matlhoñ a ōna.”—1 Yohane 3:22.
20. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, boikemisetso jwa rona e tshwanetse go nna eng jaaka tsamaiso eno e atamela bokhutlo jwa yone?
20 Ka gone, jaaka tsamaiso eno ya dilo e e boikepo e atamela bokhutlo jwa yone, a re ko re itekeng thata mo bodiheding. Ekete re ka ‘itlhokomela le thuto ya rona,’ gore re bolokesege le go ba ba tlhokomelang molaetsa wa Bogosi. Ee, a re direng boiteko bongwe le bongwe go ruta ka botswerere le ka tlhoafalo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka motlhala, tswee-tswee bona Buka ya Tataiso ea Sekolo sa Boboleli sa Puso ea Leholimo le Qualified to Be Ministers (Revised Edition), e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O Ne O Ka Reng?
◻ Kwantle ga go rera, tiro ya go dira barutwa e tlhoka eng?
◻ Ke eng fa go le botlhokwa thata gore o ‘tlhokomele go ruta ga gago’?
◻ Ke ditsela dife tse dingwe tsa go oketsa botswerere jwa go ruta?
◻ Dipokano tsa Bokeresete di ka re thusa jang go nna barutisi ba ba ditswerere le ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo?
◻ Bagolwane le Basupi ba bangwe ba ba nang le boitemogelo ba ka dira eng malebana le bodihedi jwa tshimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go tshwantsha mo mogopolong ditiragalo tsa Bibela go ka go thusa go nna morutisi yo o botoka
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Motshwari wa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo o thusa baithuti go nna botswerere mo tirelong ya Bogosi