LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/09 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 8/09 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo August 1

“Batho ba le bantsi ba akanya gore batho botlhe ba ba siameng ba tla ya legodimong. A ke se o se dumelang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore temana eno ya reng ka lefatshe. [Bala Pesalema 37:11, 29.] Setlhogo seno se bontsha se Jesu a neng a se ruta ka isagwe ya batho mo lefatsheng.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 22.

Tsogang! August

“Ga go na dilo tse dintsi tse di utlwisang botlhoko jaaka go tlhokafalelwa ke motsadi. A ga o dumalane le seo? [Mo letle gore a arabe.] Ba le bantsi ba ile ba gomodiwa ke ditemana tsa Baebele tse di jaaka eno. [Bala Tshenolo 21:4.] Setlhogo seno se tlhalosa kafa o ka lepalepanang ka teng le maikutlo a a farologaneng a a nnang teng, segolobogolo fa o le mosha.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.

Tora ya Tebelo September 1

“Bangwe ba re fa o ikanyega mo Modimong, o tla go segofatsa ka dikhumo mme fa o humanegile go bontsha gore Modimo ga a go amogele. O akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Se se kgatlhang ke gore, Jesu e ne e se motho yo o humileng. [Bala Luke 9:58.] Makasine ono o tlhalosa gore batlhanka ba Modimo ba ka lebelela go amogela masego a mofuta ofe.”

Tsogang! September

“A o akanya gore basha ba na le dikgwetlho tse dintsi gompieno go feta mo dingwageng tse di fetileng? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba akanya gore temana eno e tlhalosa nako e re tshelang mo go yone sentle. [Bala 2 Timotheo 3:1.] Makasine ono o tlhalosa melaometheo mengwe ya Baebele e e berekang e e ka thusang batsadi le basha go lepalepana le seno.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela