LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/09 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 6/09 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo June 1

“Batho ba le bantsi ba dumela gore madumedi a lefatshe ke ditsela tse di farologaneng tse di yang kwa Modimong a le mongwe. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Baebele ya reng. [Bala Joshua 24:15.] Setlhogo seno se re naya mabaka a a utlwalang a gore rona ka borona re tlhatlhobe gore a bodumedi jwa rona bo re isa kwa Modimong wa boammaaruri.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 12.

Tsogang! June

“Rotlhe re itse batho bangwe ba ba tlhokafetseng. A o akanya gore re tshwanetse go boifa gore bangwe ba bone ba ka tswa ba galefile mme ba batla go re gobatsa? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Moreri 9:5, 6.] Setlhogo seno se tla go kgothatsa.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 22.

Tora ya Tebelo July 1

“Batho ba le bantsi ba ba nang le Baebele ga ba e tlhaloganye. A le wena o ikutlwa jalo? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka temana eno, Mokwadi wa Baebele o batla gore re tlhaloganye le go solegelwa molemo ke Lefoko la gagwe le le kwadilweng. [Bala Pesalema 119:130.] Makasine ono o re neela dikakantsho tse tharo tse di tla re thusang go tlhaloganya Baebele.”

Tsogang! July

“Batho ba le bantsi gompieno ba amiwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong. A o akanya gore Modimo o kgatlhegela batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Pesalema 34:18.] Makasine ono o tlhalosa gore ke jang batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ka bonang thuso go tswa go Modimo ka teng, tota le fa gape ba tlhoka kalafi. Gape o re naya dikakantsho tsa gore re ka reng fa re ba gomotsa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela