LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/09 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 4/09 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo April 1

“Batho bangwe ba dumela gore isagwe ya rona e laolwa ke tlholelo, mme ba bangwe ba akanya gore re itlhophela gore re tla felela kae. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko polelo eno e e kgatlhang. [Bala Moreri 9:11.] Setlhogo seno se tlotla ka karabo ya Baebele ya potso e e reng: ‘A botshelo Jwa Rona bo Laoletswe Go sa Le Gale?’” Buelela setlhogo se se mo tsebeng ya 26.

Tsogang! April

“Manyalo a mantsi a felela ka tlhalo ka ntlha ya go se ikanyege. A o akanya gore go dirisa temana eno go tla thusa manyalo gore a nnele ruri? [Bala Mathaio 5:28. Morago ga foo mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se dirisa Baebele go thusa banyalani gore ba tile serai sa go se ikanyege.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 28.

Tora ya Tebelo May 1

“O akanya gore ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore motho a nne le tumelo mo Modimong? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka temana eno, tumelo e botlhokwa. [Bala Bahebera 11:6.] Makasine ono o tlotla ka dikgato tse nnè tse re ka di tsayang go nonotsha tumelo ya rona”

Tsogang! May

“Palo e e oketsegileng ya batho gompieno e dirisa diokobatsi tse ba di newang ke ngaka ka tsela e e sa siamang. O akanya gore lebaka la seno ke eng? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e bontsha ka lebaka le le lengwe la konokono le le ka bakang seo bogolo thata mo baneng. [Bala Diane 13:20.] Makasine ono o tlhalosa kafa o ka sireletsang wena le lelapa la gago mo bothateng jo bo anameng jono.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela