Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Le fa gone bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba ile dikopanong tsa kgaolo mme e bile ba ne ba le mo malatsing a boikhutso ka December, go ile ga fitlhelelwa go le gontsi mo tshimong. Mo Afrika Borwa baboledi ba le 79 596 ba ne ba bega tirelo ya bone ya tshimo mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 84 904. Kwa Botswana baboledi ba le 1 693 ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera mme ba bega dithuto tsa Baebele di le 2 074. Baboledi ba kwa Namibia le bone ba ne ba nna le seabe se segolo mo bodireding mme ba le 1 464 ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 2 055.