LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/08 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka November 10
  • Beke e e Simololang ka November 17
  • Beke e e Simololang ka November 24
  • Beke e e Simololang ka December 1
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 11/08 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

ELA TLHOKO: Go tla nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe mo dikgweding tsa kopano ya kgaolo mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Diphuthego di ka fetola dithulaganyo tsa tsone go ya kafa go tlhokegang ka teng gore di nne gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Go Kaelwa ke Moya wa Modimo.” Fa go tshwanela, dirisang metsotso e le 15 mo Pokanong ya Tirelo ya bofelo ya pele ga kopano go boeletsa dikgakololo tse di tshwanelang phuthego ya lona tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August. Kgwedi e le nngwe kgotsa tse pedi morago ga kopano ya lona, dirisang metsotso e le 15 go ya go e le 20 mo Pokanong ya Tirelo (gongwe lo dirisa puo ya dilo tse phuthego ya lona e tshwanetseng go di ela tlhoko) go boeletsa dintlha tsa kopano tse baboledi ba fitlhetseng di thusa mo bodireding. Poeletso eno e tshwanetse go neelwa ke molebedi wa tirelo. Kopa bareetsi go akgela kafa ba dirisang ka teng kgotsa kafa ba rulaganyetsang go dirisa ka teng tshedimosetso eo mo bodireding jwa bone.

Beke e e Simololang ka November 10

Pina 205

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Akaretsa dikakgelo tsa molebedi wa tirelo malebana le gore phuthego e berekile tshimo e e kana kang ka go tsamaisa pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? E re ka baboledi ba le bantsi ba setse ba tsamaisitse dimakasine tsa Tora ya Tebelo ya November 1 le Tsogang! ya November kopa bareetsi gore ba akgele malebana le kafa ba ileng ba tsamaisa dimakasine tseo ka teng mme ba nna le matswela a mantle.

15 mets: Leka go Nna le Moya wa Lorato Le wa Go Aba. Puo ka mogolwane e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 2008, tsebe 6-7.

20 mets: “Re na Le Matlotlo a a Botlhokwa A re Ka a Abelang ba Bangwe.”a Fa lo sekaseka serapa 2, kopa bareetsi gore ba akgele ka boammaaruri jo bo kgethegileng jwa Baebele jo bo ileng jwa ba ngokela mo phuthegong ya ga Jehofa kgotsa jo ba bo tlhaloganyang botoka fa e sa le ba kolobeditswe.

Pina 71

Beke e e Simololang ka November 17

Pina 80

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets:  Lebokoso la Dipotso.b

20 mets: “O ka Kgona go Nna Morutisi!”c Botsolotsa mmoledi kgotsa mmulatsela yo o ileng a kgona go fenya boikutlo jwa go sa tshwanelege go ka tshwara thuto ya Baebele. O ile a ikaega jang ka Jehofa gore a mo thuse? Phuthego e ile ya mo thusa ka ditsela dife tse di kgethegileng go tshwanelega? Ke melemo efe e a ileng a nna le yone ka ntlha ya go nna le seabe mo tirong ya go ruta batho Baebele?

Pina 143

Beke e e Simololang ka November 24

Pina 217

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Umaka kgatiso e e tsamaisiwang ka December, mme o dire gore go nne le pontsho ka puisano e le nngwe kgotsa di le pedi.

20 mets: Dilo tse Phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

15 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine tsa Tora ya Tebelo ya December 1 le Tsogang! ya December. Sobokanya dintlha tsa dimakasine tseno ka bokhutshwane o bo o botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba ka di kgatlhegelang thata. Ke dipotso le ditemana dife tse ba tla di dirisang go simolola motlotlo ka ditlhogo tseno. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa go ka dirisiwang dikakantsho tse di mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dira gore mongwe wa bagolwane a dire pontsho e khutshwane e a e baakanyeditseng e e theilweng mo setlhogong se se ka tshwanelang tshimo ya lona.

Pina 208

Beke e e Simololang ka December 1

Pina 84

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa November.

15 mets: Maitemogelo a phuthego ya lona. Itsise phuthego gore go fitlheletswe tshimo e kana kang ka go tsamaisa pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? Kopa bareetsi gore ba anele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba tsamaisa pampitshana eno kgotsa fa ba ne ba e dirisa go simolola dithuto tsa Baebele. Tlhalosa gape le maitemogelo a a kgothatsang a a nnileng teng a a amanang le go tsamaisiwa ga buka ya Baebele e Ruta Eng? ka November. Go ka dirwa pontsho ka boitemogelo bo le bongwe kgotsa ka maitemogelo a le mabedi a a tlhomologileng.

20 mets: “Thusa Ba ba Sa Tswang go Kopanela go Ipaakanyetsa Kganetso.”d Fa lo tlotla ka serapa 2, ka bokhutshwane sekaseka kafa tshedimosetso e e mo bukeng ya Go Fetolana kafa tlase ga setlhogo se se reng “Basupi ba ga Jehofa” e ka thusang batho ba ba ithutang Baebele ka teng go araba dipotso tse ditsala le ba losika ba ba tshwenyegileng ka bone ba di botsang.

Pina 105

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela