Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka June: Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Modimo o Batla Gore re Direng?, Nnang lo Disitse!, O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!, Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? September: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ E re ka August e na le mafelobeke a le matlhano, e tla nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kgotsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa phuthego e na le akhaonto e nngwe e e jaaka ya go baakanya holo kgotsa ya go aga, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego ka seno ka nako ya fa go balwa pego e e latelang ya diakhaonto. Diphuthego tsa mo Afrika Borwa fela di kopiwa gore di romele ditlankana tsa tsone tsa diakhaonto tsa March, April, le May kwa ofising ya lekala kwantle ga go diega. Mokwaledi le motlhanka wa diakhaonto ba tshwanetse go tlhomamisa gore ditlankana tsa diakhaonto di tladitswe sentle le ka tsela e e rulagantsweng sentle le gore ba rometse dilo tse di latelang: Pampiri ya Diakhaonto (S-26), Pego ya Diakhaonto tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30), Dirasiti (S-24), dirasiti tsa ditshenyegelo, le seteitemente sa banka sa kgwedi nngwe le nngwe (fa e le gore phuthego e na le akhaonto ya banka). Fa seno se dirilwe mokwaledi o tshwanetse go kwala sentle kafa ntle ga enfelopo gore di ya kwa Accounting Office—PBO Registration.
◼ Go akantshiwa gore diforomo tsa bobulatsela jwa ka metlha di romelwe kwa ofising ya lekala bobotlana malatsi a le 30 pele ga letlha le a batlang go simolola ka lone. Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go tlhatlhoba diforomo tseo go tlhomamisa gore di tladitswe sentle. Fa batho ba ba tsentseng dikopo ba sa gakologelwe letlha le ba kolobeditsweng ka lone, ba tshwanetse go akanyetsa gore e ka tswa e le lefe mme ba kwale letlha leo mo direkotong tsa bone. Mokwaledi o kopiwa gore a kwale letlha leo mo karateng ya Congregation’s Publisher Record (S-21).
◼ Tsweetswee ela tlhoko gore ga go ne go nna le dipampitshana tse di kgethegileng tsa taletso tse di itsiseng kopano ya kgaolo ya 2008. Le fa go ntse jalo, re rulaganya letsholo le le botlhokwa la lefatshe lotlhe mo bogautshwaneng. Go tla neelwa tshedimosetso e e oketsegileng malebana le seo moragonyana.
◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di Gone:
My Book of Bible Stories (cdmy)—Se-China (sa Se-Mandarin)
◼ Di-Compact Disc Tsa MP3 Format Tse disha Tse di Gone:
Bible Dramas (mpdrm)—Sepotikisi
What Does the Bible Really Teach? (mpbh)—Sepotokisi
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone:
The Watchtower Announcing Jehovah’s Kingdom—2006 (dvw06)—Puo ya Diatla ya Amerika
The Watchtower Announcing Jehovah’s Kingdom—2007 (dvw07)—Puo ya Diatla ya Amerika
◼ Di-DVD ka Dipuo di le Dintsi Tse di Gone:
Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault (dvfi) —Searabia, Se-Dutch, Seesemane, Se-Madagascar, Sepotokisi (sa kwa Brazil), Sepotokisi (sa kwa Yuropa), Se-Spain (Mo DVD e le nngwe).