Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Meya ya Batho Ba Ba Suleng —A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Modimo o Batla Gore re Direng?, Nnang lo Disitse!, O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!, Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?
◼ Lo tshwanetse go romela dingongorego tse lo nang le tsone malebana le dibuka ka lekwalo kwa ofising ya lekala ka poso, kgotsa ka fax 011 761 1380, kgotsa ka e-mail (literature@jw.org.za). Fa go potlakile, jaaka fa dibuka tsa lona di sa goroga, lo ka ikgolaganya le Lephata la Dibuka mo nomoreng eno ya mogala 011 761 1000. Lo tshwanetse go romela diforomo tsa Literature Request Form (S-14) ka teraka kgotsa ka poso.
◼ Tsweetswee gakologelwang go romela dikopo tsa lona tsa dibuka ka phuthego mme e seng ka go founela ofisi ya lekala, kgotsa fa lo etetse Bethele, kgotsa gongwe ka go kopa bakaulengwe ba mo Bethele. Ofisi ya lekala ga e romele diotara tsa dibuka tse baboledi ba di otarang ka bobone. Go tlhomamisa gore diotara di a dirwa le gore dibuka di otariwa ka bonako, molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganya gore go balwe kitsiso kgwedi nngwe le nngwe pele ga kopo ya dibuka tsa phuthego e romelwa, gore botlhe ba ba ratang go otara dibuka ba kgone go itsise mokaulengwe yo o tlhokomelang dibuka. Foromo ya Literature Request Form (S-14) e tshwanetse go romelwa ka bonako kgwedi nngwe le nngwe tota le fa diphuthego di tlhoka dilwana di le mmalwa fela.
◼ Mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March go ne ga itsiwe gore buka ya ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’—Mokwalo o Mogolo (cflp) e tla nna gone ka Sesotho le Sexhosa. Ka maswabi, kgatiso eno e ka se tlhole e gatisiwa ka Sesotho le Sexhosa ka mokwalo o mogolo e re ka re sa amogela dikopo tse di lekaneng ka dipuo tseno.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
‘Go, Make Disciples, Baptizing Them’ (ds)—Sekwanyama
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela (gt)—Sekwangali
Watch Tower Publications Index 2007 (dx07)—Seesemane
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone:
Acts of Apostles (dvAc)—Puo ya Diatla ya Amerika