LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/08 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 4/08 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Meya ya Batho Ba Ba Suleng —A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Modimo o Batla Gore re Direng? Nnang lo Disitse! O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo, Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?

◼ Bakwaledi ba phuthego ba tshwanetse go nna le diforomo tse di lekaneng tsa Application for Regular Pioneer Service (S-205) le Application for Auxiliary Pioneer Service (S-205b). Diforomo tseno di ka otariwa ka foromo ya Literature Request Form (S-14). Dirang gore lo nne le setoko se se tla tsayang ngwaga otlhe. Tlhatlhobang diforomo tsotlhe tsa go kopa go nna mmulatsela wa ka metlha go tlhomamisa gore di tladitswe ka botlalo pele ga lo di romela kwa ofising ya lekala.

◼ Go botlhokwa gore ofisi ya lekala e nne le rekoto ya bosheng ya diaterese le dinomoro tsa founo tsa balebedi botlhe ba ba okamelang le bakwaledi. Fa go ka direga gore go nne le diphetogo le fa e le leng fela, Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go tlatsa foromo ya Presiding Overseer/Secretary Change of Address (S-29), e bo e e saena le go e romelela ofisi ya lekala ka bonako. Seno se akaretsa le diphetogo dipe tse di amanang le khouto ya founo ya lefelo la lona.

◼ Fa o dirile dithulaganyo tsa go etela mafelo mangwe mme o rata go ya dipokanong, kopanong kgotsa kopano ya kgaolo ya lefelo le lengwe, o tshwanetse go kopa tshedimosetso kwa ofising ya lekala e e tlhokometseng tiro ya lefelo leo. Diaterese tsa diofisi tsa makala di mo go Yearbook ya bosheng mo tsebeng ya yone ya bofelo.

◼ Go tloga ka beke e e simololang ka June 8 go ya go July 28, 2008, diphuthego tse di buang Sevenda di tla ithuta boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala mo Thutong ya Buka ya Phuthego.

◼ Go simolola ka beke ya August 4, 2008, diphuthego tse di buang Sepedi le Sevenda di tla ithuta buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela mo Thutong ya Buka ya Phuthego.

◼ Baokamedi ba dibuka le bakwaledi ba diphuthego elang tlhoko: Fa lo ikgolaganya le ofisi ya lekala malebana le diphoso mo dikgatisong tse lo di romeletsweng, tsweetswee dirang jalo lo tshotse lenaane la dilwana tse lo di romeletsweng fa go kgonega. Fa lo kwalela ofisi ya lekala, tsweetswee romelang le khopi ya lenaane la dilwana tse lo di romeletsweng.

◼ Balebedi ba ba okamelang elang tlhoko: Makwalo a ofisi ya lekala e a romelelang ditlhopha tsa bagolwane ka dinako tse dingwe a na le tshedimosetso ya botlhokwa e e amang tiro ya batlhanka ba dibuka le ba dimakasine. Balebedi ba ba okamelang ba tshwanetse go tlhomamisa gore bakaulengwe bano ba newa tshedimosetso eo fa lekwalo le setse le badilwe.

◼ Batlhanka ba dibuka elang tlhoko: Re rata go tlhalosa sentle gore mafoko “Tse di Iseng di Romelwe [Pending]” a kaya eng mo lenaaneng la dilwana tse lo di romeletsweng. Fa dikgatiso dingwe di seyo ka nakwana mo setokong sa rona di tla tlhaga di kwadilwe “Tse di Iseng di Romelwe.” Ga lo a tshwanela go otara dikgatiso tseo gape. Fa dikgatiso tseo di nna gone, re tla lo romelela tsone ka bonako. Elang tlhoko gore go tsaya nako e telele go lo romelela dilwana tse di dirwang kwa diofising tsa makala tsa moseja, tse di jaaka di-CD-ROM, di-DVD le dikgatiso tsa dipuo tsa dinaga di sele.

◼ Re rulaganya go tshwara dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe tsa puo ya diatla kwa Holong ya Dikopano ya Bellville ka April 26, 2008 le kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof ka May 4, 2008. Kopano ya potologo ya puo ya diatla e tla tshwarwa kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof ka August 23, 24, 2008.

◼ Re rulaganya go tshwara kopano ya ntlha e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ka Sefora kwa Holong ya Dikopano ya Midrand ka June 8, 2008.

◼ Kopano ya potologo ya Sepotokisi e tla tshwarelwa kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof ka July 26, 27, 2008.

◼ Re lebile pele kwa letsholong le le tlang la tshimo e e sa abiwang. Re lo gakolola gore lo otare dibuka go sa le gale pele ga letsholo leno le fitlha, lo se ka lwa letela pele nako ya letsholo leno e atamela. Re akantsha gore diphuthego di otare dibuka bobotlana dikgwedi di le tharo pele ga letsholo leno.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:

Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa—Mokwalo o Mogolo (jdlp)—Seesemane, Sezulu

◼ Di-CD Tse Disha Tse di Gone:

Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng (cdfy)—Seesemane

Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala (cdwe)—Seesemane

◼ Di-CD Tsa Di-MP3 Tse Disha Tse di Gone:

Atamalana le Jehofa (mpcl)—Seesemane

Ithute mo Morutising yo Mogolo (mplr)—Seesemane

Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela (mpmy)—Seesemane

Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela (mpgt)—Seesemane

Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng (mpfy)—Seesemane

Modimo o Batla Gore re Direng? (mprq)—Seesemane

Totatota Baebele e Ruta Eng? (mpbh)—Seesemane

Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala (mpwe)—Seesemane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela