Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 28, 2008. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya March 3 go ya go April 28, 2008.
BOKGONI JWA GO BUA
1. Ke eng fa go le botlhokwa gore re age puo ya rona go tsamaisana le dintlha tse re di abetsweng, mme re ka dira seno jang? [be-TN ts. 234 ser. 1–ts. 235 ser. 1]
2. Ke eng fa dipotso di le botlhokwa thata fa re ruta? [be-TN ts. 236 ser. 1-5]
3. Dipotso di ka thusa bareetsi ba rona jang go tlhaloganya mabaka a kgang e re buang ka yone? [be-TN ts. 237 ser. 3–ts. 238 ser. 1]
4. Fa re ruta, ke eng fa go dirisa dipotso ka botswerere go le botlhokwa go dira gore motho a ntshe maikutlo a gagwe? (Dia. 20:5; Math. 16:13-16; Joh. 11:26) [be-TN ts. 238 ser. 3-5]
5. Ditshwantshanyo di botlhokwa ka tsela efe fa re ruta? (Gen. 22:17; Jer. 13:11) [be-TN ts. 240 ser. 1-3]
PUO NO. 1
6. Ke melaometheo efe e e molemo e e tlhalosiwang mo bukeng ya Mareko e e tla re thusang go bona botshelo mo Bogosing jwa Modimo? [si-TN ts. 186 ser. 32]
7. Moya o o boitshepo o thusa batlhanka ba Modimo jang gompieno? (Joh. 14:25, 26) [be-TN ts. 19 ser. 2-3]
8. Re bona mosola ofe o mogolo ka go bala? [be-TN ts. 21 ser. 3]
9. Go ithuta go akaretsa eng? [be-TN ts. 27 ser. 3–ts. 28 ser. 1]
10. Efangele ya ga Luke e re thusa jang go oketsa go ikanya ga rona gore Dikwalo Tsa Sehebera di tlhotlheleditswe ke Modimo? [si-TN ts. 192 ser. 30-1]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Ke eng fa Jesu a ile a se ka a dumela gore monna mongwe a mmitse “Moruti yo o Molemo”? (Mar. 10:17, 18) [w08-TN 2/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mareko”]
12. Jesu o ne a dirisa setlhare sa difeige go tshwantsha eng ka setšhaba sa Iseraele? (Mar. 11:12-14, 20, 21) [w03-TN 5/15 ts. 26 ser. 2-3]
13. Mafoko a moengele Gabariele a ne a kaya eng fa a ne a re Marea ‘o ne a tla ithwala mo sebopelong sa gagwe’ ka ntlha ya go tla ga moya o o boitshepo wa Modimo mo go ene le maatla a Modimo a mo okama? (Luke 1:30, 31, 34, 35) [w08-TN 3/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Luke”; it-2 ts. 56 ser. 2]
14. A tota barutwa ba ga Jesu ba ne ba “dira se se seng kafa molaong ka sabata”? (Luke 6:1, 2) [gt-TN 31]
15. Re ithuta eng mo kgakololong e Jesu a neng a e naya Maratha? (Luke 10:40-42) w99-TN 9/1 ts. 31]