Aba Dimakasine Tse di Supang ka ga Boammaaruri
1. Seabe sa Tora ya Tebelo le Tsogang! ke sefe?
1 Makasine wa Tora ya Tebelo e Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa le wa Tsogang! di na le seabe sa botlhokwa mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) Re itumelela go aba dimakasine tseno tse pedi tse di tshwanelang maemo a gompieno fa re dira dikarolo tse di farologaneng tsa tirelo ya Bogosi.
2. Go dirilwe diphetogo dife mo makasineng wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang!, mme ka ntlha yang?
2 Go ralala dingwaga re bone go dirwa diphetogo tse di amang bogolo le diteng tsa dimakasine tseno mmogo le mekgwa ya go di aba. Go dirilwe diphetogo tseno ka boikaelelo jwa gore dimakasine tseno di kgatlhe thata le gore di nne le matswela e le gore molaetsa wa Bogosi o ame dipelo tsa ‘batho ba mefuta yotlhe gore ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’—1 Tim. 2:4.
3. Dimakasine di tla tsamaisiwa jang mo bodireding?
3 Go tloga ka January 2006, re ile ra simolola go nna le bokgoni jwa go dirisa dipuisano tse di farologaneng go buelela makasine o le mongwe wa Tsogang! mo kgweding. Jaanong re tlile go dira jalo le ka Tora ya Tebelo e Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa ka go aba e le nngwe fela mo bodireding jwa rona jwa phatlalatsa mo go tse pedi tse re nang le tsone. Mo tsebeng ya bofelo ya Tirelo ya Rona ya Bogosi go na le dikai tsa dipuisano tse re ka di dirisang go buelela nngwe le nngwe ya dimakasine tseno. Gantsi dipuisano tseo di buelela thata ditlhogo tse di simololang tsa makasine mme ka dinako tse dingwe di buelela le ditlhogo tse dingwe tsa dilo tse batho ba di kgatlhegelang thata. Dipuisano tseno di ka dirisiwa ka tsela e e molemo fa re tlwaelane thata le ditlhogo tseo tsa dimakasine mme re di buelela ka mafoko a rona gore di tsamaisane le maemo a tshimo ya rona.
4. Ke ka ntlha yang fa go ka nna molemo go dirisa dipuisano di sele go na le tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi?
4 Le mororo Tirelo ya Rona ya Bogosi e nna le dipuisano di le pedi tsa makasine mongwe le mongwe, fa o rata dirisa puisano e e farologaneng gotlhelele le tseo. Lengwe la mabaka a go dira jalo e ka nna gore setlhogo sengwe mo makasineng oo se ka kgatlhegelwa thata ke batho ba tshimo ya lona. Kgotsa e ka nna gore o ka dirisa puisano e sele ka tsela e e molemo ka go dirisa setlhogo se se go kgatlhang thata.
5. Ke eng se o tshwanetseng go se dira pele ga o baakanyetsa puisano e o tla e buelelang ya makasine?
5 Kafa o ka Baakanyetsang Puisano ya Gago ka Teng: Sa ntlha, o tshwanetse go tlwaelana sentle le setlhogo se o tlhophang go se buelela. Ga se ka metlha o ka kgonang go tlwaelana le setlhogo sengwe le sengwe se se mo makasineng pele o simolola go se dirisa mo bodireding jwa tshimo. Le fa go le jalo, o tshwanetse go bontsha tlhagafalo le tlhoafalo ka ditlhogo tse o tlhophang go di buelela. O ka kgona go dira jalo fa fela o tlwaelane sentle le tshedimosetso e o e buelelang.
6. Re ka baakanyetsa dipuisano tsa rona jang?
6 Go tswa foo, fetofetoga le maemo fa o baakanyetsa matseno a gago. O ka simolola motlotlo ka go botsa motho potso e e tsosang kgatlhego e e amanang le setlhogo seo. Ka metlha ikaege ka maatla a Lefoko la Modimo go ama pelo ya motho. (Baheb. 4:12) Tlhopha temana e e tshwanelang e bile e amana le kgang e o simololang motlotlo ka yone, go ka nna molemo fa e ka nna temana e e umakwang kgotsa e e nopotsweng mo setlhogong se o se buelelang. Akanyetsa kafa o ka amanyang temana eo le setlhogo ka teng.
7. Re ka tokafatsa dipuisano tsa rona jang go ya pele?
7 Dirisa Tshono Nngwe le Nngwe: Gore puisano e nne le matswela e tshwanetse go dirisiwa. Nna le seabe le phuthego fa e tsamaisa dimakasine ka Matlhatso. Aba dimakasine tseno mo bathong ba ba ileng ba amogela dikgatiso tse dingwe mo nakong e e fetileng. Ka metlha di abele batho ba o ithutang Baebele le bone le batho ba o ba fitlhelang fa o dira maeto a go boela. O ka nna wa kgona go di abela le batho ba o tlotlang le bone fa o le kwa mabenkeleng, fa o tsere loeto kgotsa fa o letetse ngaka. Tokafatsa dipuisano tsa gago fa o ntse o di dirisa mo kgweding yotlhe.
8. Tora ya Tebelo le Tsogang! ke dimakasine tse di sa tshwaneng le dipe ka ditsela dife?
8 Tora ya Tebelo le Tsogang! ke dimakasine tse di sa tshwaneng le dipe. Di tlotlomatsa Jehofa gore ke Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. (Dit. 4:24) Di gomotsa batho ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go ba kgothaletsa go dumela mo go Jesu Keresete. (Math. 24:14; Dit. 10:43) Mo godimo ga moo, di nna di lebile ditiragalo tsa lefatshe fa ditiragalo tseno di ntse di diragatsa boporofeti jwa Baebele. (Math. 25:13) Thusa batho ba tshimo ya lona go solegelwa molemo ke dimakasine tseno ka go ipaakanyetsa go di ba abela ka nako nngwe le nngwe e e tshwanetseng!
9. Re ka thaya jang motheo wa go dira loeto lwa go boela?
9 Fa o atlega go tsamaisetsa motho makasine kgotsa le fa o tlotla le mongwe fela ka dilo tsa semoya, nna o ipaakanyeditse potso kgotsa ntlha nngwe e e dirang gore a akanye e e ka go bulelang tsela ya go dira loeto lwa go boela le go boa lo tlotla gape ka dilo tsa semoya. Fa re tlhagafala mo tirong ya go jala peo ya boammaaruri, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla bula dipelo tsa batho ba ruri ba batlang go mo itse le go mo direla.—1 Bakor. 3:6.