Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka December: Atamalana le Jehofa. January: Boroutšhara jwa Nnang lo Disitse! Fa lo se na yone mo setokong, lo ka tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng? February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego tsa September, October le November ka December 1 kgotsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Go se ka ga dirisiwa motho a le mongwe fela go dira tlhatlhobo ya diakhaonto ka dikgwedi tse di latelanang. Fa phuthego e na le akhaonto e nngwe e e jaaka ya go baakanya holo kgotsa go e aga, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, go tshwanetse ga itsisiwe phuthego ka seno ka nako ya fa go balwa pego e e latelang ya diakhaonto. Diphuthego tse di kwadisitsweng go nna maloko a PBO di tshwanetse go romela diakhaonto tse di setseng di tlhatlhobilwe tsa dikgwedi tseo tse tharo kwa ofising ya lekala kwantle ga go diega. Mokwaledi le motlhanka wa diakhaonto ba tshwanetse go tlhomamisa gore ditlankana tsa diakhaonto di tladitswe sentle le ka tsela e e rulaganeng sentle le gore ba rometse dilo tse di latelang: Pampiri ya Diakhaonto (S-26), Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30), Dirasiti (S-24), dirasiti tsa ditshenyegelo le seteitemente sa banka sa kgwedi nngwe le nngwe (fa e le gore phuthego e na le akhaonto ya banka). Ka fa ntle ga enfelopo kwalang gore di ya kwa Accounting Office—PBO Registration.
◼ Tsweetswee elang tlhoko gore Segopotso sa ngwaga wa 2009 se tla nna ka Labone, April 9, fa letsatsi le sena go phirima. Kitsiso eno e dirwa go sa le gale jaana gore bakaulengwe ba tle ba kgone go dira dithulaganyo tse di tlhokegang kgotsa gore ba hire diholo tse dingwe fa go na le diphuthego di le mmalwa tse di dirisang Holo e le nngwe fela ya Bogosi. Fa e le gore seo se tshwanetse go dirwa, bagolwane ba tshwanetse go dumalana le batsamaisi ba lefelo leo go tlhomamisa gore go tla bo go se na ditiro tse dingwe tse di itayang tsebe tse di tla bong di dirwa mo kagong e ba e hirileng, gore Segopotso se tshwarwe sentle ka thulaganyo go se na modumo.
◼ Go rulagantswe gore go nne le Kopano ya Kgaolo ya malatsi a mabedi ka Sevenda kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof, ka December 22-23, 2007. Baboledi botlhe ba ba buang Sevenda mo Gauteng le mafelo a a gaufi ba lalediwa go nna gone kwa kopanong eno.
◼ Ofisi ya lekala e na le go amogela diotara tsa dibuka tse di batliwang ka potlako. Tsweetswee tilang go romela diotara tseno tse lo di batlang ka potlako kwantle ga fa lo romeletswe dilwana tse di phoso. Re itsisiwe dikgatiso tsa mpho ya kgwedi, tsa matsholo a a kgethegileng, tse di ithutiwang kwa dipokanong le diforomo tse di tlhokegang, go sa le gale. Fa lo rulaganya dilo sentle, bontsi jwa diotara tse di batlegang ka potlako di ka tilwa. Diotara tsa ka metlha di tshwanetse go romelwa ka bonako kgwedi nngwe le nngwe tota le fa e le otara ya dilo di se kae fela.
◼ Ka maswabi ga go na thulaganyo ya gore bakaulengwe ba tle go itseela diotara tsa dibuka tsa diphuthego tsa bone kwa Bethele. Phuthego nngwe le nngwe e na le letlha le diotara tsa yone di romelwang ka lone mme go latelwa thulaganyo eno fa diphuthego di romelelwa dibuka. Tiro e ntsi thata e re nang le yone e dira gore re se ka ra kgona go dira diotara tse di batlegang ka potlako. Le fa go ntse jalo, ga go molato fa bakaulengwe ba tlogela diforomo tsa Literature Request Form (S-14) fa ba etetse Bethele.
◼ Diphuthego di ka simolola go otara Watchtower Library—2007 (cdly07). Eno ke otara e e kgethegileng e e diretsweng maloko a phuthego a a kolobeditsweng mme e ka otariwa fela ka phuthego. Ga e a tshwanela go abelwa batho mo tshimong kgotsa go abelwa batho fela ba ba kgatlhegelang tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Watchtower Library—2007 e tla nna gone ka Seesemane, Sefora, Sepotokisi, Setšhaena le Setšhaena (Se se Tlhofofaditsweng). Elang tlhoko gore cdly07-CH e tla akaretsa Setšhaena le Setšhaena (Se se Tlhofofaditsweng).
◼ Tsweetswee elang tlhoko gore Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2008 ya Mokwalo o Mogolo (eslp08) ke otara e e kgethegileng ka gone, ga e kitla e romelelwa phuthego e sa e otara jaaka fa go tla dirwa ka Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2008 (es08). Diphuthego di tla tshwanelwa ke go e otara.
◼ Re rata go gakolola bakwaledi ba phuthego gore ba tsibogele lekwalo la October 1, 2007 le le malebana le diotara tse di kgethegileng tsa dimakasine tsa dikgwedi tsa tirelo e e kgethegileng tsa March, April, le May 2008.
◼ Meneelo ya lebokoso la Kingdom Hall Fund (KHF) e dirisediwa go thusa diphuthego tse dingwe go aga Diholo Tsa Bogosi. Meneelo eno e tshwanetse go romelelwa ofisi ya lekala kgwedi le kgwedi. Fa e le gore phuthego ya lona e duela sekoloto sa Holo ya Bogosi, kgotsa e na le letlole le sele la meneelo ya Holo ya Bogosi, meneelo ya lona e tshwanetse go tsenngwa mo lebokosong le le kwadilweng “Meneelo ya Phuthego ya Rona.”
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng (fy) —Kwangali
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone:
Pursue Goals That Honor God (dvpsg) —Seesemane
Respect Jehovah’s Authority (dvru) —Puo ya Diatla ya Amerika
Warning Examples for Our Day (dvwx) —Puo ya Diatla ya Amerika