LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/07 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka October 8
  • Beke e e Simololang ka October 15
  • Beke e e Simololang ka October 22
  • Beke e e Simololang ka October 29
  • Beke e e Simololang ka November 5
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 10/07 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka October 8

Pina 56

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya October 15 le Tsogang! ya October. Mo go nngwe le nngwe ya dipontsho tseno go tsamaisiwe dimakasine ka bobedi le mororo go buelelwa e le nngwe fela. Tlotla ka dithulaganyo tsa October tsa tshimo e e sa abiwang. Kgothaletsa botlhe go ema dithulaganyo tseo tsa bofelo nokeng ka botlalo.

20 mets: Nna o Atamalane le Phuthego ya ga Jehofa. Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo kgaolong ya 17 ya buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa.

15 mets: “Go Tla Tsamaisiwa Kgatiso e e Kgethegileng ya Tsogang! ka November!”a Sekaseka ka bokhutshwane diteng tsa Tsogang! eno ya November. Go tswa foo, tswelela ka go sekaseka setlhogo seno ka motlotlo wa dipotso le dikarabo. Fa lo sekaseka serapa 3, dira pontsho e e bontshang kafa go ka tsamaisiwang Tsogang! eno ya November ka teng o dirisa kakantsho e e mo go tsebe 8 kgotsa puisano nngwe e e tshwanelang tshimo ya lona. Dira gore go thaiwe motheo wa loeto lo lo latelang pele ga pontsho e konelwa.

Pina 10

Beke e e Simololang ka October 15

Pina 67

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

20 mets: A Boammaaruri bo Nna le Maungo mo Bathong Ba o Ba Rutang? Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 1, 2005, tsebe 28-30. Akaretsa le dikakgelo tse di tlhalosang kafa dipotso tse di mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng di dirilweng ka teng gore di re thuse go lemoga se se leng mo pelong ya moithuti. Sekaseka dikai di le mmalwa tse di jaaka kgaolo 1, serapa 19; kgaolo 2, serapa 4; kgaolo 3, serapa 24; le kgaolo 4, serapa 18. Kgothaletsa baboledi go dirisa ka botlalo dikarolo tse di farologaneng tsa buka eno.

15 mets: A o A Gakologelwa? Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 2007, tsebe 19.

Pina 151

Beke e e Simololang ka October 22

Pina 175

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Bala dipego tsa diakhaonto le makwalo ape fela a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya November 1 le Tsogang! ya November di ka tsamaisiwa jang.

30 mets: “Latela Keresete ka go Bontsha Seriti” mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2007.b E neelwe ke mokwaledi wa phuthego. Umaka kopano ya kgaolo e phuthego e e abetsweng. Sekaseka lebokoso la “Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo.”

Pina 23

Beke e e Simololang ka October 29

Pina 124

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa October. Umaka mpho ya kgwedi ya November mme o dire gore go dirwe pontsho ka nngwe ya dipuisano.

15 mets: Ipeele Mekgele ya Semoya go Galaletsa Mmopi wa Gago. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 15, 2004, tsebe 21-3. Kopa bareetsi go akgela ka mekgele ya semoya e ba ipeetseng yone le gore ba dira eng go e fitlhelela. O ka rulaganyetsa kakgelo e le nngwe kgotsa tse pedi go sa le gale.

20 mets: “Naya Bahumanegi Tsholofelo.”c Fa lo sekaseka serapa sa 2, akaretsa le dikakgelo tsa Tsogang! ya September 8, 2003 tsebe 28-9.

Pina 7

Beke e e Simololang ka November 5

Pina 156

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.

15 mets: Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone ka Botlhale Jwa Bomodimo. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 2005, tsebe 23-7.

20 mets: “Go Kgothatsana Rotlhe.”d Kopa bareetsi go tlhalosa kafa ba ileng ba kgothadiwa ka teng ka tlhamalalo ke molebedi wa potologo ka nako ya fa a etetse phuthego. Kakgelo e le nngwe kgotsa tse pedi di ka rulaganyediwa go sa le gale.

Pina 192

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela