Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Ela tlhoko: Go tla nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo mo bekeng nngwe le nngwe mo dikgweding tsa kopano. Diphuthego di ka fetola dithulaganyo tsa tsone go ya kafa go tlhokegang ka teng gore di nne gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Latela Keresete!” Fa go tshwanela, dirisang metsotso e le 15 mo Pokanong ya Tirelo ya bofelo ya pele ga kopano go boeletsa dikgakololo tse di tshwanelang lefelo la lona tse di mo tsenyeletsong ya kgwedi eno. Kgwedi e le nngwe kgotsa tse pedi morago ga kopano, dirisang metsotso e le 15 go ya go e le 20 mo Pokanong ya Tirelo (gongwe lo dirisa puo ya dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko) go boeletsa dintlha tsa kopano tse baboledi ba fitlhetseng di thusa mo bodireding. Poeletso eno e tshwanetse go neelwa ke molebedi wa tirelo. Kopa bareetsi go akgela ba tlhalosa kafa ba dirisang ka teng kgotsa kafa ba rulaganyetsang go dirisa ka teng tshedimosetso eo mo bodireding.
Beke e e Simololang ka September 10
Pina 225
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya September 15 le Tsogang! ya September. Mo go nngwe le nngwe ya dipontsho tseno go tsamaisiwe dimakasine ka bobedi le mororo go buelelwa e le nngwe fela.
15 mets: Lebokoso la Dipotso. Motlotlo le bareetsi ka mogolwane. Fa nako e letla, bala o bo o tlotle ka dikwalo tse di umakilweng.
20 mets: “Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Phasalatsa Kopano ya Kgaolo ya ‘Latela Keresete!’”a Fa lo sekaseka serapa sa 3, laletsa bareetsi go tlotla ka maitemogelo a lefelo la lona a a kgatlhang a a malebana le go tsamaisa ditaletso tsa kopano ya kgaolo ngogola kgotsa go ka akarediwa dikakgelo go tswa mo 2007 Yearbook, go tloga ka tsebe 7 go fitlha ka setlhogwana se se mo go tsebe 10.
Pina 130 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 17
Pina 60
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.
15 mets: Re Dirile Jang Ngogola? Molebedi wa tirelo o sekaseka pego ya ngogola ya tirelo, a bua thata ka dilo tse di molemo tse di fitlheletsweng mo bodireding. Ba akgole ka tsela e e tshwanetseng. Umaka karolo e le nngwe kgotsa tse pedi tse di tlhokang go elwa tlhoko mo ngwageng o mosha wa tirelo. Bua ka tiro ya babulatsela, o ba akgolele tiro ya bone e e molemo. Umaka matswela a a molemo a a nnileng gone a go thusa batho ba ba tsidifetseng.
20 mets: Bakaulengwe ba ba Seoposengwe. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo go kgaolo 16 ya buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa.
Pina 74 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 24
Pina 162
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape fela a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Tlhalosa dithulaganyo tsa tshimo e e sa abiwang ka October. Kgwedi eo ke kgwedi ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang. Kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka botlalo. E neelwe ke molebedi wa tirelo.
20 mets: “Latela Sekao se se Tlhomilweng ke Jesu.”b Kopa bareetsi go tlhalosa kafa ba solegetsweng molemo ka teng ke sekao se se molemo sa ba bangwe.
15 mets: Dirisa Pampitshana ya Go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka October. Mpho ya kgwedi ya October ke dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mo bathong ba ba kgatlhegang go ka dirisiwa pampitshana ya Go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele go simolola thuto ya Baebele. Ka bokhutshwane tlotla ka pampitshana eno fa batlhokomedi ba sena go abela mongwe le mongwe yo o leng gone khopi e le nngwe ya yone, fa e le gore lo na le dipampitshana tseno. Tlhalosa gore pampitshana eno e ka sekasekwa le mong wa ntlo e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone mo loetong lwa ntlha kgotsa fa o boela. Dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona, go dira dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang Tora ya Tebelo ya October 1 le Tsogang! ya October ka teng. Mo go nngwe ya dipontsho tseno, mmoledi o tlogelela mong wa ntlo pampitshana fa a sena go gana dimakasine. Mo pontshong e nngwe, mmoledi o abela mong wa ntlo pampitshana fa a sena go amogela dimakasine, o tlotla le ene ka tsebe 5, o mmontsha setlankana se se buang ka kgatiso nngwe se se mo tsebeng ya 6, a bo a mo solofetsa go boa gape go mo tlisetsa kgatiso eo.
Pina 222 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 1
Pina 88
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gopotsa baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa September.
15 mets: Lekwalo la Lekala. Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo lekwalong le le tlhagang mo tsebeng ya ntlha ya kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.
20 mets: “Go Kgaratlhela go Dira ka Natla mo Bodireding.”c Akaretsa le dikakgelo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kgaratlhelang go dira ka natla mme dira gore ba tlhalose gore ba tswelela pele jang ba senka ditsela tsa go kgaratlhela go dira ka natla mo bodireding jwa bone. O ka rulaganya le a le mongwe kgotsa ba babedi go sa le gale go baakanyetsa dikakgelo tseno.
Pina 102 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.