LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/07 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka July 9
  • Beke e e Simololang ka July 16
  • Beke e e Simololang ka July 23
  • Beke e e Simololang ka July 30
  • Beke e e Simololang ka August 6
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 7/07 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka July 9

Pina 4

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya July 15 le Tsogang! ya July di ka tsamaisiwa jang.

15 mets: Tlotla ka dithulaganyo tsa tshimo e e sa abiwang. E neelwe ke molebedi wa tirelo. Tlotla ka dintlha tsa lekwalo la tshimo e e sa abiwang la May 15, 2007, o tlotle ka dibuka tse di tla tsamaisiwang, matlha a go tla iwang ka one, lefelo le go tla berekiwang kwa go lone, lefelo la borobalo le dithulaganyo tsa dipalangwa. A bangwe ba ka tsaya bobulatsela jo bo thusang? Diphuthego tse di sa yeng kwa tshimong e e sa abiwang di tshwanetse go tlotla ka dithulaganyo tsa go bereka tshimo e e berekiwang sewelo.

20 mets: Lebokoso la Dipotso. E neelwe ke mogolwane. Bala le go tlotla ka setlhogo sotlhe. Akgela ka dintlha tse di mo makasineng wa Tsogang! ya June 8, 2005, tsebe 29-30 (May 22, 2005, tsebe 13-14 ka Seesemane), kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Dikotsi Tsa Tsietso le go Fitlha se o Leng Sone” le “Ratana le Motho yo o Mmonang Go na Le wa Internet.”

Pina 91 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka July 16

Pina 16

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.

20 mets: Go Boloka Phuthego E na Le Kagiso e Bile e le Phepa. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, go simolola mo tsebeng ya 144 go fitlha mo setlhogwaneng se se mo tsebeng ya 150.

15 mets: “Diphetogo Tse di Itumedisang ka Tora ya Tebelo!”a

Pina 189 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka July 23

Pina 133

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya August 1 le Tsogang! ya August di ka tsamaisiwa jang.

20 mets: Bontshanang Moya wa go Tshola Baeng. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 2005, tsebe 21-3. Botsolotsa ka bokhutshwane mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba itsegeng ka go rata go amogela baeng. Ba lekile jang go bontsha moya wa go amogela baeng? Ke masego afe a bone le ba lelapa la bone ba nnileng le one ka ntlha ya seo?

15 mets: Go Baakanyetsa Matseno a a Nang le Matswela. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 9, serapa 1-2. Dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse di bontshang kafa o ka buelelang dikgatiso tse di tsamaisiwang ka August ka gone.

Pina 61 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka July 30

Pina 200

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa July.

15 mets: Go Intsha Setlhabelo go re Leretse Masego a ga Jehofa. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 2005, tsebe 8-9.

20 mets: “Go Itumela Motho yo o Nnang a Itshokela Teko.”b Fa o sekaseka serapa 3, kopa bareetsi go akgela kafa tumelo e e nonofileng e ba thusitseng ka gone fa ba ne ba lebane le teko ka tshoganyetso. O ka nna wa rulaganya go sa le gale gore mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba akgele.

Pina 13 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka August 6

Pina 106

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: Ke Eng se se Lereng Boitumelo Jwa Mmatota? Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 2006, tsebe 28-9, serapa 11-12. Botsolotsa ka bokhutshwane mmoledi mongwe yo o tlhophileng go gagamalela bodiredi go na le menate kgotsa tiro ya boitshediso. Ke ka ntlha yang fa a ne a gagamalela mekgele ya semoya? Seno se mo tliseditse boitumelo jang?

20 mets: “Lebaka La go Bo re Boela Gangwe le Gape.”c Fa o sekaseka serapa 5, kopa bareetsi go akgela gore ke eng se se dirileng gore ba kgatlhegele boammaaruri fa ba ne ba ganediwa kgotsa ba sa kgatlhege.

Pina 211 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela