LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/07 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka June 11
  • Beke e e Simololang ka June 18
  • Beke e e Simololang ka June 25
  • Beke e e Simololang ka July 2
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 6/07 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka June 11

Pina 153

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya June 15 le Tsogang! ya June di ka tsamaisiwa jang.

15 mets: Re Tlhomeletse ka Botlalo go Nna Barutisi ba Lefoko la Modimo. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 15, 2002, tsebe 24-8. Bakeresete bangwe ba okaoka go ithuta Baebele le batho ba ba kgatlhegang ka gonne ba ikutlwa ba sa tshwanelege go tshwara thuto. Le fa go ntse jalo, Jehofa o dira gore re tshwanelege go nna badiredi ka Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le phuthego ya gagwe. Boikaelelo jwa rona ga se go tsamaisa dibuka fela. Re tshwanetse go leka go ruta batho. (Math. 28:19, 20) Kgothatsa baboledi go nna le mokgele wa go simolola dithuto tsa Baebele.

20 mets: Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, kgaolo 13.

Pina 144 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka June 18

Pina 217

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

15 mets: A o A Gakologelwa? Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 2007, tsebe 19.

20 mets: “Re Itumelela go Dira ka Natla mo Tirelong ya ga Jehofa!”a Kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng fa nako e letla.

Pina 82 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka June 25

Pina 15

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira dipontsho tse di bontshang gore Tora ya Tebelo ya July 1 le Tsogang! ya July di ka tsamaisiwa jang.

15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “A o ka Tsena ka ‘Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong’?”b Botsolotsa ka bokhutshwane mmulatsela a le mongwe wa ka metlha kgotsa ba le babedi. Ba dirile diphetogo dife gore ba kgone go tsaya bobulatsela jwa ka metlha? Ba nnile le masego afe?

Pina 138 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka July 2

Pina 208

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo tsa June. Umaka dikgatiso tse di tsamaisiwang ka July, mme o dire pontsho ka puisano nngwe.

15 mets: Bosupi jo e Seng Jwa ka Tlwaelo—Tsela e e Botlhokwa ya go Rera Dikgang Tse di Molemo. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 101-2. Akantsha ditsela dingwe tse di ka dirisiwang tsa go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Kopa bareetsi go bolela maitemogelo a a kgothatsang a ba nnileng le one fa ba neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.

20 mets: “Lo Nne lo ‘Ungwe Maungo a Mantsi.’”c Fa lo sekaseka serapa 4, akaretsa dikakgelo tse di mo lebokosong la “Tsela ya go ‘Ungwa Maungo ka Boitshoko,’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 1, 2003, tsebe 21.

Pina 69 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela